Ba tshwenngwa ke go diega ga ditlamelo
02 Nov 2016
Banana ba motse wa Otse mo kgaolong ya Shoshong ba re ba tshwentswe ke go diega ga ditlamelo le mananeo mo motseng wa bone.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, banana ba motse o ba re mananeo a puso, dikitso kgotsa dithuto kwa motseng wa bone di a diega fela thata, mme se se ba beye ka fa mosing ka ga ba kgone go itshetsa ka one.
Ba re se gantsi ba utlwalela ka mananeo a setse a siilwe ke nako, ba tlatsa ka gore fa gongwe ba utlwalela ka one ikwadiso e setse e tswaletswe.
Ba tlhalositse gape fa ka dinako dingwe ba sa amogele kitso epe ka mananeo one a puso ka ba ka se kgone go ya kwa diofising tsa banana kwa Shoshong ka go le kgakala e bile dipalamo tsa setshaba go ya teng di sokodisa gape di tura.
Banana ba ba ne ba supa fa makalana mangwe a puso a tlhaela thata mo motseng wa bone jaaka ofisi ya boipelego ka e le yone e tshotseng mananeo ka bontsi.
Ba supile fa mmaboipelego a seo mo motseng wa bone e bile se se baka gore fa ba batla dithuso ba palame ba ye ko Shoshong.
Ba ne ba supile gape gore le fa ba ya go kopa dithuso kwa Shoshong, ga se gore ba feta ba bona thuso mme mangwe a mabaka a ba a fiwang e le gore bagolwane ba diofisi ba ile Mahalapye.
Mongwe wa banana ba motse oo, Mme Bojelo Ramasota, o supile fa ba sa itumelele gape thuso e ba e bonang ko diofising tsa banana kwa motseng wa Shoshong mabapi le lenaneo la Tirelo Setshaba.
Mme Ramasota yo o dingwaga di masome a mabedi le bosupa o supile fa a na le lebaka la go feta ngwaga a ntse a iteka lesego mo lenaneong la Tirelo Sechaba mme a sa bone thuso epe e e nametsang.
A re ga ba tsewe tsia e le banana ba motse wa Otse fa go tla mo mananeong a puso ka go sena le fa e le monana ope wa motse wa bone yo o bonang thuso e e duleng diatla.
O tsweletse a tlhalosa gore letlhoko la ditiro mo motseng le bakile gore banana fela botlhe ba inaakanye le lenaneo la nakwana la ipelegeng, mme se ntse ga se tokafatse seemo ka le hira fela morago ga dikgwedi tse tharo.
Mabapi le dilelo tsa banana ba Otse, ba diofisi tsa banana tsa kgaolo ya Shoshong ba tlhalositse fa diofisi tsa bone di na le mathata a letlhoko la koloi mme se se bake gore ba felele ba isa kitso ka mananeo a puso morago ga nako kwa metseng e e mo kgaolong ya Shoshong.
Fa a tswa la gagwe, Mme Yvonne Oremeng yo o okametseng lenaneo la Tirelo Setshaba, o gakolotse banana ba motse oo wa Otse go emisa go tsisa makwalo a boikopelo kwa go bone ka e se ka fa tsamaisong.
Mme Oremeng o ba tlhaloseditse gore maphata a a ko motseng wa bone ke one a a tsisang mekwalo ko diofising tsa bone mme bone ba hire ka tatelelano ya baikopedi mo ofising ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Samuel Morewabone
Location : OTSE
Event : potsolotson
Date : 02 Nov 2016






