Breaking News

Babereki ba Ipelegeng ba kgothadiwa go nna tlhaga

02 Nov 2016

Mogokaganyi wa ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng wa khansele ya Legare, Mme Keitumetse Batshu, o kopile banni ba Mogorosi go nna tlhaga mo ditirong tsotlhe tse di dirwang ka lenaneo la Ipelegeng mo motseng wa bone.


Mme Batshu o dirile kopo eo bosheng fa a ne a buisa banni bao mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng.


A re go le gantsi ba tshwenyega ka go sa wediwa sentle ga ditiro tsa go nna jalo ka nako e e dumalanweng e bile gape e se tsa boleng jo bo solofetsweng.


Ke gone ka moo a kopileng banni ba Mogorosi go sa nna le boitseme mo ditirong tsa ipelegeng ka jaana go dira jalo e le tshenyetso setshaba ka go le turu go tsweledisa fa go emeng teng.


 Mme Batshu o tlhalositse fa mabaka a a bolelwang mabapi le go sa diragadiwa ga ditiro tse ka mo go solofetsweng ke ka ntata ya gore babereki bangwe ba ipelegeng ba na le go tlhoka boikarabelo ka tiro e ba e abetsweng.


A re mmereki mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go nna le boikarabelo jo bo tseneletseng ka tiro ya gagwe gore maduo a a nametsang mo tirong a bonale. O bile a kgothatsa babereki ba ipelegeng go nna le dipuisano tse di tlhapileng le bangwe ka bone ga mmogo le ba ba eteletseng.


Mme Batshu o bile a tlhalosa ka botlalo fa lenaneo la ipelegeng le diretswe go tlodisa ba itsholelo ya bone e sa iketlang melatswana, a tlatsa ka gore lenaneo le ga se tiro ya sennela ruri.


A re gape tsamaiso ke gore banni ba thapiwe ka go fapaana kgwedi le kgwedi gore ba bangwe ba tle ba kgone go oba letsogo e seng gore motho a berekele ruri dikgwedi tsotlhe.


Go sa le foo Mme Batshu o ne a tlhalosa fa moeteledipele wa ditiro tse mo motseng e tshwanetse ya nna yo o nang le maikarabelo e bile a ka berekisanya sentle le morafe le botlhe ba ba lebaneng ka ditiro tsa go nna jalo.


O tsweletse a tlhalosa fa moeteledipele a tshwanelwa ke go netefatsa gore go thapiwa palo e e dumalanweng ya babereki e bile ditiro tse di dirwang di rulaganngwa ka mo go faphegileng le ka therisanyo le bogogi jwa motse.


Fa a tswa la gagwe mongwe wa banni, Balibi Mokgethisi o ne a leboga go menagane lenaneo la ipelegeng a re le thusa thata go dira ditiro tsa morafe.


 A re ditiro di tshwana le go phepafatsa motse ke tse ba di itumelelang ka di rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng ka dinako tsotlhe.


Rre Mokgethisi le ene o ne a iteela kobo moroko go kgothatsa banna go tsaya ditiro tsa lenaneo le ka tlhwaafalo.


E ne ya re go le pele, Kgosi Kago Pherethego a amogela phuthego a supa matshwenyego mabapi le palo e e tsenang mo seatleng ya ba ba tsenang diphuthego tsa kgotla.


A re go nna maoto a tshupa ga go tsena diphuthego tsa morafe ke gone go bakang tiego ya ditlhabololo tsa motse ka jaana kgotla ke gone kwa dikgang tsa motse di tshwarelwang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgalalelo Osenkeng

Location : MOGOROSI

Event : lenaneo la Ipelegeng

Date : 02 Nov 2016