Makgotla a Setswana a botlhokwa - mothusa tona
02 Nov 2016
Go botlhokwa gore puso e thuse ka ditlamelo tse di ka tlhofofatsang ditiro tsa makgotla a Setswana.
Se se builwe ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van der Westhuizen bosheng kwa pulong semmuso ya dikago tsa kgotla kwa Kolonkwaneng mo kgaolong ya Kgalagadi.
Mothusa tona o ne a tlhalosa fa puso e ikantse makgotla a Setswana mo go diragatseng puso ya batho ka batho, ka e le gone kwa merero e tshwarelwang teng.
A re merafe e ntsha maikutlo a yone ka tse di amang puso, tlhabololo, ditogamano le tlhabololo ya melao kwa makgotleng a Setswana.
O ne a supa fa thokgamo le tshereganyo e diragadiwa kwa makgotleng a Setswana.
Rre Van der Westhuizen o ne a tlhalosa fa makgotla a Setswana a na le seabe se segolo mo tshomarelong le tlotlomatso ya ngwao, a re se se ka thusa gore ngwao e sa latlhege le gore e fetisediwe kwa dikokomaneng.
Dikago tse di neng di bulwa di akaretsa ofisi ya kgosi, diofisi tsa babereki di le tharo, matlwana a polokelo a le mabedi, kgolegelo, mabeo a dikoloi le lokotswana.
O ne a bo a solofetsa fa puso e tlaa tswelela e thlabolola makgotla a Setswana a bo a netefatsa gore makgotla a tlaa fiwa tlotla le thotloetso e tshwanetseng.
Rre Van der Westhuizen o ne a akgola badirisi ba dikago tse a re seemmo se di leng mo go sone se a itumedisa, le fa di na le dingwaga tse thataro di agwa, mme o kare di ne di agwa maabane.
Le fa go ntse jalo, tona o ne a supa matswenyego ka go tlhoka go tlotla makgotla, a afa sekai ka go lwela bogosi, ka jalo a kopa Batswana go tswa mo mekgweng e, a supa fa e nyeletsa ngwao ya Setswana ka go tswa goo Lowe go tlotla makgotla e ne e le karolo ya ngwao.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Jackson Ditlhabi wa Kolonkwaneng o ne a leboga puso ka dikago, koloi le dithuso tse dingwe tse puso e di nshang.
O ne a kaya fa puso e nna e tsibogela dikopo tsa makgotla a Setswana, a re se ke sekao sa gore puso e lemoga boleng jwa dikgosi le makgotla a Setswana.
Kgosi Ditlhbi o ne a akgolela morafe wa gagwe popagano le tirisanyommogo ya go tlotla le go tlhabolola lekgotla, a re se se a itumedisa ka se thusa go lwantsha borokhutlhi, go tlhabolola motse, go somarela ngwao le gore kagiso e rene mo motseng.
Mongwe wa banni ba motse, Mme Kgalalelo Matshogo o ne a akgola batsalwapele ba motse, a re ba adile moalo le mothao wa go fa bogosi le lekgotla la motse seriti ka go tshwaragana mo go tlhompheng le go tlhabolola lekgotla.
O ne a kopa banana go tsaya malebela mo bagolwaneng ba motse, a re se se ka thusa motse gore o tlhabologe le go feta.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : KOLONKWANENG
Event : pulo semmuso ya dikago
Date : 02 Nov 2016






