Segotsi o kopa banni go kgaoganya polotiki le bogosi
02 Nov 2016
Kgosi Tsoebebe Segotsi wa Mahalapye o kopile banni ba Palla Road kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye go kgaphela sepolotiki kwa thoko fa ba buisana ka dikgang tsa bogosi ka jaana sepolotiki se ka ba kgaoganya le go kgoreletsa ditlhabololo tsa motse wa bone.
Kgosi Segotsi yo o neng a patilwe ke kgosana ya Tshikhinyega Rre Sedibana Motlogelwa, o boleletse banni mo phuthegong ya kgotla gore le ntswa ba na le tshwanelo mo sepolotiking seo ga se reye gore ba se dirise gongwe le gongwe ka se ka ba kgaoganya ka diphathi.
A re ba na le dingwaga tse tharo ba sena kgosi morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mogakolodi Mpaesele ka ngwaga wa 2013.
Mathata a matona ke go ikgaoganya ka sepolotiki le go lwela maemo a bogosi le ntswa bangwe ba bone ba sena bokgoni jwa go etelela morafe.
Kgosi Segotsi o tlhalositse gore e le magosi a kgaolo ya gaMmangwato go balelwa le motshwarelela bogosi jwa gaMmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane, ba dumalane mogopolo wa go emisa go dirisiwa ga ditlhopho fa go batliwa motho yo o ka kabang phatlha ya bogosi.
A re mo metsing e e senang dikgosi tse di tsetsweng jaaka mo Palla Road, magosana a dikgotlana tsa metse eo ba tshwanetse go thulanya ditlhogo le bagolo ba motse go sekaseka maina a batho ba ba ka tlhongwang dikgosi tsa metse eo boemong jwa go dirisa ditlhopho jaaka mo dingwageng tse di fetileng.
E rile banni ba Palla Road ba akgela mo phuthegong eo,ba tlhomamisetsa Kgosi Segotsi fa ba tlaa sala ba sekaseka leina la motho yo o ka tlhongwang kgosi mo malatsing a le lesome le bone.
Ba re tlhakatlhakano e e bakileng tiego ya go tlhopha leina la motho yo o ka bewang kgosi e bakilwe ke go ganana le tshwetso e e tserweng ke dikgosana ya go dumalana ka maina ba sa rerisana le morafe.
Ba akgoletse Kgosi Segotsi go rarabolola kgang ya bogosi jwa motse wa bone a sa sokele dirope ntlheng epe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Segametsi Mangope o kopile morafe go emisa ditshele le go tlhopha batho ba lebile losika kana botsala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 02 Nov 2016






