Go latlhega ga ngwao go rotloetsa botlhokatsebe
02 Nov 2016
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mokibe kwa Shoshong, Rre Lucas Thabana a re go latlhega ga ngwao go rotloetsa mowa wa botlhokatsebe, segolo thata mo baneng ba sekole.
Rre Thabana o buile se mo moletlong wa letsatsi la ngwao o o neng o rulagantswe ke ba sekole sa Little Soul English Medium mo Shoshong ka mafelo a beke.
O ne a tlhalosa gore bogologolo ngwao e ne e ruta bana setho se se lolameng sa tlotlo, tlhompho le poifo mo bagolong jaaka mokgwa o o siameng wa go dumedisa bagolo a re 'rona pele re ne re itse fa o le ngwana o dumedisa mogolo o oba lengole go supa tlotlo.'
A re malatsi ano dilo di fetogile, bana ga ba sa tlhole ba tlhompha bagolo mo e bileng e setse e le tlwaelo go bona bana ba sekole kwa mafelong a go nowang bojalwa teng, ba tlhakatlhakane le bagolo a tlatsa ka gore 'malatsi a re kopana le bana ba re ba rutang kwa dibareng e bile motho wa teng a sena tlhong ya go go raya a re ntshiela foo.
Rre Thabana o ne a tswelela ka gore, le ntswa dilo di setse di senyegile, go sa ntse go na le sebaka sa go ka tsosolosa serudumo sa ngwao ya Setswana ka go e ruta bana ba sa le ba botlana, a supa fa batsadi e le bone ba ka kgonang go dira se motlhofo ka ba nna le bana kwa malwapeng e bile ba na le dikitso tse di tseneletseng tsa ngwao fa go tshwantshanngwa le barutabana.
Bana ba ithuta ka go kopa se ba bonang se dirwa ke bagolo, ka jalo batsadi ke lo rotloetsa go nna bokao mo baneng ba lona gore ba tle ba ithute mo go lona.
A re gape sengwe se se ka dirwang ke go ithaopa ba bopa dikomiti tsa ngwao ba bo ba tlhatlhelela dithuto tsa ngwao mo dikoleng ka go farologana, a re go dira jaana e tlaa bo e le go jala peo ya sennela ruri mo baneng ba e leng bone bagolo le baeteledipele ba kamoso.
Rre Thabana o ne a tswelela ka go supa botlhokwa ja ngwao, a kaya fa e le yone boitsetsepelo le bokao jo bo faphegileng ja merafe ka go farologana, a re dikarolo tsa ngwao di tshwana puo, kapari, moopelo, bodiragatsi le kapei di farologanya merafe ka bongwe ja yone.
A re gape di kgona go supa ditiragalo, a a fa sekai ka gore motho o kgona go lemoga motlhofo fa go na le meletlo ya setso jaaka patlo, ka go a bo go aperwe tse di faphegileng tse di aparwang fa go na le meletlo ya go nna jalo.
Le fa go ntse jalo Rre Thabana o ne a supa fa ngwao jaaka sengwe le sengwe e fetoga le dinako, a re malatsi ano batho ba merafe le dingwao tse di farologaneng ba nna mmogo ka mabaka a a farologaneng go akarediwa a mmereko, selo se a reng se dira gore dingwao di kopakopane kgotsa di tswakane.
A re se ga se a tshwanela go tsisa tsietsego mme se tshwanetse sa tsewa e le sebaka sa go tshwaragana le go ithuta mo go ba bangwe, a re mme se se ka kgonagala fa go na le mowa wa kamogelo o o tlaa thusang go tshegetsa ngwao gore e seka ya latlhega.
E rile fa a fa maikaelelo a letsatsi la ngwao, morutabana wa sekole sa Little Souls Mme Naomi Phatedi o ne a re ba dule ka mogopolo o go ruta bana ka ngwao ka ba lemogile fa bana ba bannye ba sa itse sepe ka ngwao jaanong ba bona go tshwanela gore ba rutwe.
A re le ntswa sekole sa bone e le sa sekgoanyana kgotsa English Medium, se tsenwa ke bana ba Batswana ka bontsi, ba le bone ba nang le tshwanelo ya go itse segabone.
Ka jalo o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi le e ne e le go tsaya tshoboko yotlhe ya ngwao go ruta bana ka go ba bontsha dilwana tsa setso le go amogana nabo dikitso di tshwana tlhaloso ya diane, le tiriso e e tlhomameng ya ditsa-setso jaaka kgotla.
Ditiragalo tsa letsatsi le, le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga moono o o reng: ngwao ya rona, boipelo le bokao ja rona, di ne di akaretsa thuto seka dipuisano, metshameko, poko le mainane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : SHOSHONG
Event : letsatsi la ngwao
Date : 02 Nov 2016






