Lerato ke pinagare ya go aba
02 Nov 2016
Ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje, a re Batswana ba tshwanetse go lebogela Modimo tse o ba segofaditseng ka tsone.
A re ba ka dira jaana ka go abela kereke ka dipelo tse di tshweu.
O buile mafoko a kwa moletlong wa go ipelela thobo wa kereke ya UCCSA kwa Jwaneng ka Tshipi. A re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go lebogela se a se filweng ka jaana batho ba filwe ka go farologana.
A re maemo a a fiwang batho kwa ditirong le one ke tshegofatso, ka jalo phuthego e tshwanetse ya nna le lerato mo go abeleng kereke.
“Modimo ga a tlhola ope a le dikhumo, ga se ka botlhale jwa rona gore re bo re le se re leng sone gompieno, se se botlhokwa mo mothong ke lerato. Re tshwanetse ra aba lerato mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re ntsheng mowa o o bosula mo go rona re nneng le lorato lwa Modimo re tle re bone botshelo jo bo sa khutleng.”
A re thobo e tshwanetse go nna selo sa letsatsi le letsatsi ka metlhala ya go supa ditebogo e le mentsi.
A re batho ba seka ba kgatlhwa ke go ngamela se ba se filweng ke Modimo, ba tseye se sennye se ba se bonyeng go leboga Modimo le go tsamaisa kereke ya Modimo.
A re Modimo ke ene a itseng thulaganyo ya botshelo jwa motho, ka jalo le dithutego ga go na yo o ka tsenang ka tsone mo lebitleng.
A re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tshela le ba bangwe ka gore Modimo ga a a tlhola ope a le nosi.
Fa a ntsha la gagwe, Moruti Marang Gaobewe a re thobo ke tirelo e e faphegileng e e kopanyang kereke go lebogela Modimo ditshegofatso.
A re ga se madi fela a a lebogang,thobo e ka nna ya se motho a se robileng kwa tshimong kana loruo.
O supile fa thobo e sa thuse fela mo kerekeng ka e ba thusa gape le go nna le seabe mo go thuseng gape go otlolola letsogo mo go ba ba tlhokileng lesego ga mmogo le balwetse.
A re bone e le kereke thobo e ba thusa go duela metlakase,metsi,megala le go tlhabolola kereke.
A re jaaka lefoko la Modimo le bua gore 'o rate motho yo mongwe jaaka o ithata', lorato lo tsisa karabo mo matshelong a batho. A re go aba go tswa mo pelong ya motho,ka jalo motho o tshwanetse go aba a itse gore o abela Modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandi Tebelelo
Location : JWANENG
Event : moletlong wa go ipelela thobo wa kereke ya UCCSA
Date : 02 Nov 2016






