Banni ga ba robatswe ke seemo sa molapo wa Mahalapye
01 Nov 2016
Banni ba Mahalapye ga ba robatswe ke molapo wa Mahalapye o ba reng o setse o fetogile sekgwa.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mongwe wa banni wa Mahalapye yo gape e leng kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Flowertown, Rre Keresepe Keitseope, o boletse fa ba thibeletse mo Mahalapye ka ngwaga wa 1953 a le dingwaga tse lesome le bongwe mme o fitlhetse molapo o, e le motswedi wa botshelo mo Mahalapye.
Rre Keitseope o thalositse fa molapo wa Mahalapye o simolotse kwa dithabeng tsa Mahataanare tse di gaufi le Serowe.
O kaile gore e ne e re dipula di na metsi a pula a elele go tswa kwa godimo ga dithaba tseo mme a tlhama melatswana e le mebedi ebong Mmamasiloanoke le Mmite.
O tsweletse ka go tlhalosa gore melatswana eo e ne ya gola fa dingwaga di ntse di tsamaya mme mo go tsone Mmite ya bo e le molatswana o motona, melatswana eo o bolela fa e kopana mo Mahalapye go tlhama molapo wa Mahalapye.
Rre Keitseope o tlhalositse fa molapo wa Mahalapye o ne wa oka barui go tswa kwa Serowe ba ba neng ba simolola meraka go bapa le molapo ba nosa leruo la bone mo go one ka gore o ne o seke o kgala.
O ne a tlhalosa gore fa dingwaga di ntse di tsamaya merafe ka go farologana e thibelela mo Mahalapye molapo o ne wa dirisiwa e le motswedi wa metsi a a dirisiwang ke batho gape a nowa ke leruo.
Fa a bua ka seemo se molapo wa Mahalapye se iphitlhelang mo go sone mo nakong ya gompieno Rre Keitseope o tlhalositse fa dipula tse di boutsana di bakile gore molapo wa Mahalapye o felele o tlhoga tlhaga, o boletse fa bogologolo noka ya Mahalapye e ne e tlala ngwaga le ngwaga mme gompieno e na le dingwaga di le masome a mabedi le bongwe e sa tlale ka e sale e tletse labofelo ka 1995, pele ga moo e ne e sale e tletse labofelo ka 1955.
Seemo sa dipula tse di boutsana o bolela fa se na le seabe ka gore fa dipula di na metsi a pula a tla a elela ka motlhaba a feta a tlogela motlhaba mo molapong.
O kaile gore ka jaanong go sena motlhaba o o tsenang mo molapong mo letlhakoreng le lengwe banni ba tsaya motlhaba mo molapong go o dirisa go aga go sala go sena motlhaba mme dimela di tlhoge.
Rre Keitseope o kaile fa a sena tsholofelo ya gore molapo wa Mahalapye o tlaa tlhola o boela mo seemong sa one sa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : MAHALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 01 Nov 2016






