Banana ba Dikhukhung ba intsha kwa morago
01 Nov 2016
Banana kwa Dikhukhung mo kgaolong ya Goood Hope-Mabule ba tsere tshwetso ya go inamola lehuma ka go itlhamela setlhopha sa mmino wa Setswana.
Mo potsolosong bosheng, mothusa modulasetilo wa setlhopha sa Okanyatsa, Kesaobaka Segodi, o ne a bolela fa ba tlhamile setlhopha seo ka 2011, moono mogolo e le go tila manokonoko a letlhoko la ditiro.
A re ntlha e nngwe gape ke gore ba ne ba lemogile gore mo motseng wa bone go ne go se na gope kwa banana ba ka intshang bodutu teng le gone kwa sekoleng se sebotlana go ne go sena setlhopha sa mmino wa setso.
Ka jalo, seo se ne sa ba gwetlha go simolodisa setlhopha ka jaana go ne go supagala sentle gore ngwao mo motseng wa bone e nyelela ka monokela.
Sebogodi o tlhalositse fa setlhopha sa bone se sa kwadisiwa semmuso ka mabaka a go tlhoka dikitso tse di tseneletseng mme a supa fa go le mo lenaneong gore ba tle ba dire se se tshwanetseng ka go ikgolaganya le ba ba maleba go ba fa dikgakololo gore ba tle ba kgone go tsenelela dikgaisanyo tse di farologaneng go ka godisa setlhopha sa bone.
O supile fa ba itomile molomo wa tlase gore setlhopha seo se seka sa phutlhama le mororo ba le kgakala le ditlamelo ka jaana ba tlaabo ba intshitse dijo ganong le gone gore ba tlaabo ba beile bana ba ba tswang kwa tlase ka fa mosing ka jaana ba tsile go tlhaela thuto e e loileng ya ngwao ya Setswana.
Fa a tswa la gagwe, Mokwaledi wa setlhopha, Tumelo Tshukudu o ne a lela sa ga Ragele ka bokgakala jwa ditlamelo.
O tlhalositse fa ba patelesega go tsamaya sekgala se se telele mo tseleng e dipalamo di leng boutsana go ya go batla tse di amanang le dithuso tsa banana kwa Goodhope.
O tlhalositse fa setlhopha sa bone se tlhamilwe ka banana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a mararo le boraro.
A re le fa ba le kgakala le ditlamelo, ga ba kgobege marapo.
O ne a iteela o bogogi jwa motse oo legofi gore bo lemoga bokgoni jwa bone ka ba nna ba ba laletsa go diragatsa mo meletlong e e farologanyeng kwa kgotleng mme lemmenyana le ba atswitsweng ka lone ba kgone go tsweledisa matshelo.
Tshukudu a re o eletsa go bona ba tseneletse dikgaisano tse ditona tsa ga Tautona ka ba dira bontle mo go tsa botaki le bodiragatsi mo kgaolong ya bone ya botlhophi, a tlatsa ka go re keletso ke go ipona ba fofisa folaga ya lefatshe leno kwa mafatsheng a sele ka dikgaisanyo tsa mmino wa Setswana.
O ne a gwetlha maphata a puso le bagwebi ka go farologana go ba thologa mokgosi ka go ba neela dithuso gore setlhopha se tle se gole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Randy Kgosinkwe
Location : DIKHUKHUNG
Event : interview
Date : 01 Nov 2016






