Masingwana a merogo a hupediwa ke phadisano
01 Nov 2016
Masingwana a digotlo kwa Leshibitse mo kgaolong ya Mochudi Bophirima di lebanwe ke phadisano e e mashetla go tswa mo masimong a merogo a matona.
E rile lekalana la BOPA le etetse bangwe ba ba filweng ditshingwana tseo ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2013, ba supa fa ba sa boelwe ke sepe le fa ba lemile mabaka a matona e le phadisano e e bokete e balemi ba ba tona ba ba fang yone.
Mme Khabenyana Tlabadi a re ba sa le ba lemile gangwe fela mme ba seka ba boelwa ke sepe mo ba feletseng ba itlhoboga ka gore go ne go sena thekiso gotlhelele.
A re o tlhaloganya sentle gore lenaneo leo ba le filwe ka tsholofelo ya gore le tlaa tlhatlosa matshelo a bone ka go ba namola mo lehumeng mme sebe sa phiri e nnile ba dikgwebo tse ditona.
Mme Tlabadi a re se ke poelo morago mo go bone ka gore ga gona gore ba ka itira eng ka e bile go nna bokete fa e le nako ya thobo mo masimong a matona ao ka batho ba ya go bereka teng mme ba fiwe merogo le tse dingwe mahala.
A re ka jalo fa ba lemile ga ba boelwe ke sepe ka gore batho ba a bo ba duetswe ka merogo eo fa ba sena go bereka kwa masimong ao.
Mme Dineo Joseph le Mme Nametsegang Bae ba le bone ba filweng lenaneo leo la masingwana a digotlo ba supile fa seemo se ile maswe ka gore bone ke bagwebi ba ba botlana mme ba phadisana le bagwebi ba batona ba e leng gore ba lema kgapetsa kgapetsa dijwalo ka go farologana.
Mme Joseph a re ba feletse ba patelesega go bereka ipelegeng ka gore seemo se ne se ya masweng mme ba feletse ba emisa temo ka mabaka ao.
E re le fa go ntse jalo, Mme Bae ene o supile fa kgwetlho e nngwe e tona e nnile tiriso ya metsi go nosetsa a supa fa tlhwatlhwa ya metsi e ne e ba kokonela mo e bileng a kile a kgaolwa.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LESHIBITSE
Event : interview
Date : 01 Nov 2016






