Moatlhodi o rotloetsa ke mo nokeng ya borre
01 Nov 2016
Moatlhodi wa kgotla kgolo ya ditsheko kwa Lobatse, Rre Kabelo Lebotse, o rotloeditse borre go ema bomme nokeng mabapi le dikgang tsa botsogo.
Rre Lebotse o boletse seo bosheng kwa letsatsing la botsogo la lephata la bosekisi.
A re borre ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona gore ba ithuta ka dikgang tsa botsogo ka jaana botshelo mo malatsing ano bo tlhoka botsogo jo bo rileng.
O ne a kgothatsa borre go rupa go fokotsa selekanyo sa go tsenwa ke mogare wa HIV le gone go thibela go fetisetsa mogare o o amang molomo wa popelo ya bomme o go supilweng thata fa o tsena ka tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang.
Rre Lebotse o ne a tlatsa ka gore bana le bone ga ba a tshwanelwa go khaphelwa kwa thoko fa go buiwa ka dikgang tse di amang botsogo e le ntlha ya go ba rutuntsha ba sale bannye gore ba nne le boikarabelo ka botsogo jwa bone.
Fa a fa maikaelelo a letsatsi leo, mothusa mokwaledi wa kgotla ya ditsheko, Mme Felicity Sigweni a re maikaelelelo magolo ke go itebaganya le botsogo jwa badiri gore ba itshidile mebele gore ba tle ba kgone go ntsha maduo mo ditirong tsa bone ka ditlhaloganyo le mebele e e itekanetseng.
Mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Tsopeng, mo Lobatse, yo o lebaganeng le go tlhatlhoba le go fa kalafi ya kankere ya molomo wa popelo, Rre Lame Segotsane, o gwetlhile bomme go tsata tlhatlhobo eo ka tlhwaafalo a supa jalo fa go tsile lenaneo le lesha la go tlhatlhoba, o bo o alafiwa fa bolwetse jo bo ka fitlhelwa mo mothong.
Rre Segotsane a re se se dirilwe morago ga go lemoga gore kankere ya molomo wa popelo e gapela bomme matshelo ka dipalo tse di kwa godimo.
O tsweletse a re mo ditllhatlhobong tsa bone go na le kgonagalo ya gore ba fitlhele bolwetse bo setse bo aname le mmele mme ka jalo molwetse a fetisetswe kwa dingakeng tse di rileng tse di rutetsweng mogare oo fa o setse o na le peo.
Rre Segotsane a re go le gantsi batho ba ne ba lela ka maduo a a diegang mme a supa fa ba dirile maiteko a gore maduo a ntshiwe ka nako ya tlhatlhobo.
O ne a rotloetsa borre go ema bomme nokeng le gone go nna le merero mo malwapeng segolo bogolo jang fa mme a sa tswa go fiwa kalafi ka jaana a tlhokana le sebaka se se rileng gore a tle a fole sentle.
Rre Martin Madiba go tswa kwa lephateng la bodiredi botsogo le itshireletso (Occupational Health and Safety) o rotloeditse maphata go tlhomamisa gore ba tlhama dikomiti tse di tsayang boikarabelo ka tsa botsogo mo tirong.
Rre Madiba a re boikarabelo jwa komiti eo ya botsogo e dirwa ke badiri go simolola ka ba ba mo maemong a a kwa godimo go ya kwa maemong a a kwa tlase, maikarabelo a yone e le go lebelela mafelo a bodiredi bo direlang mo go one.
O gwetlhile maphata a puso go tsenya dikopo kwa ofising ya bone gore ba tle go sekasekelwa go bona gore a fa ba direlang teng go babalesegile, mme a supa fa ba madirelo a a ikemetseng bone ba tlamega go a sekaseka go bona gore golo foo go mo seemong sa gore batho ba ka direla teng.
Moanamisa mafoko go tswa kwa Journey of Hope Botswana, Mme Onica Lekuntwane, a re ke ba mokgatlho o o ikemetseng gape o dira ka boithaopi go tsibosa setshaba ka go itlhatlhobela kankere ya lebele go fokotsa dipalo tsa dintsho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Letsatsing la botsogo
Date : 01 Nov 2016






