Breaking News

COSBOTS e emela badiragatsi ka dinao

31 Oct 2016

Lekgotla La COSBOTS, le le tlhamilweng ka ngwaga wa 2008, le netefatsa gore motlhami o boelwa ke mofufutso wa phatla ya gagwe.


Seo se boletswe ke mogolwane wa COSBOTS Mme Seeletso Lekgaba kwa phuthegong ya khansele potlana ya Letlhakeng bosheng.


 Mme Lekgaba o supile fa bakwadi ba dibuka le baopedi ba tshwanetse go tla kwa lekgotleng go ikwadisa, fa e le moopedi o tla ka pina ya gagwe ba bo ba e reetsa, mme fa bontlha bongwe bo na le mafoko a moopedi yo mongwe, ba netefatsa gore mong wa pina eo le ene o boelwa ke sengwe.


Mme Lekgaba o supile fa ba netefatsa gore dipina tsa baopedi fa di lediwa kwa diromamoweng le Television, ba etse seemo tlhoko gore di tle di duelwe.


O supile gape fa dipina tse di dirisiwang kwa mafatsheng a sele le tsone di duelelwa.


O supile gape gore fa go na le phathi, motho yo o letsang koo e le DJ,  o tshwanetse go tsaya teseletso ya go letsa, gore a tle a duelele  dipina tse a tlaa bong a di letsa koo.


O tlhalositse gape fa le beng ba dibara ba tshwanetse go duelela go letsa dipina tsa baopedi kwa madirelong a bone.


O tlhalositse gore fa baopedi ba ba tlhokafetseng ba ne ba sa ikwadisa, ba masika a bone ba ka ya go ba kwadisa gore ba tle ba akole dikatso tsa dipina tsa bone.


O supile gape gore bakwadi ba dibuka le bone ba tshwanetse go akola mekwalo ya bone, a bolela gore fa go dirisiwa buka ya mokwadi jaaka kwa dikoleng, ba dikole ba tshwanetse go reka dibuka tseo di le dintsi gore mong wa tsone a boelwe, go na le gore ba di ntsifatse.


Mme Lekgaba o supile gore kwa mafatsheng a a tlhabologileng, batlhami ba tshela botshelo jo bo kwa godimo e bile ba direla ba bangwe ditiro, go gaisa ba ba berekang.


Fa a mo kgwa dikgaba, mokhanselara wa Letlhakeng Bokone, Mme Stella Segwagwa o ne a batla go itse go ka thusiwa jang batlhami ba tshwana le Rre Maja, yo o tlhamileng pina ya Fatshe le fetogile e e tlwaelesegileng go lediwa ka thulaganyo ya Crime File, ka jaana a tlogetse tiro ka bogodi mme  a sa akole mofufutso wa phatla ya gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kgotla Meeting

Date : 31 Oct 2016