Breaking News

Ipaakanyetseng ditlamorago - kgosi

31 Oct 2016

 Kgosana wa Lotsane kwa Palapye, Rre Mabedi Setlhong o kopile banni go nna podi matseba ka ditlamorago tse dipula di ka di bakang.


Fa a bua mo potsolotsong ka Labotlhano, Kgosi Setlhong a re jaaka motse o ralalwa ke noka ya Lotsane, o setse a kopile morafe go ipaakanyetsa ditlamorago tse pula ya monongwaga e ka di bakang.


A re le ntswa le bone ba itumeletse dikgang tse di molemo tsa lephata la tepo loapi tsa gore monongwaga pula e tlaa nna namagadi, ba tshwanetse go itse fa pula e kgona go tla ka tse di ntle le tse di maswe.


A re mo dingwageng tse di fetileng noka ya Lotsane e ne ya tlhatsetsa mo malwapeng morago ga dipula tse di mashetla mme ya dira tshenyo e e masisi.


 A re ka 1995, noka e ne ya tlhatsetsa mo malwapeng mme ya gapa matshelo a batho ba le bararo.


O kaile fa gape mo dingwageng tse di fetileng go kile ga nna le tiragalo e mo go yone monni mongwe wa kgotla ya Lotsane a neng a latlhegelwa ke botshelo a leka go iphalotsa ka go palama setlhare noka e tlhatsa mme ya re setlhare sa fekeediwa ke metsi sa robega motho a wela mo nokeng.
O tlhalositse fa a dumela gore banni ba malala a laotswe go ipaakanyetsa sepe fela se pula e tlang ka sone mme e bile a supa fa a dumela gore ba ba nnang go bapa le noka ba mo utlwile ka tsoo pedi.


Fa a tswa la gagwe, Rre Otsweletse Ramontsho yo o nnang go bapa le noka ya Lotsane mo kgotleng ya Thomadithotse a re nako le nako fa pula e tshologa ka bokete, letshogo le ya kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : interview

Date : 31 Oct 2016