Breaking News

Dipalo tsa manong di wela tlase

31 Oct 2016

Manong a gomagomediwa ke go nyelela fa Batswana ba ka se fetole ka fa ba dirang dilo ka teng.


Mafoko a, a boletswe ke mogolwane go tswa kwa mokgatlhong wa Bird Life Botswana, Rre Botilo Tshimologo kwa phuthegong ya khansele potlana ya Letlhakeng bosheng.


Rre Tshimologo o supile fa Batswana ba bolaya manong ka ditsela tse di farologanyeng, a supa fa dinako tse dingwe ba tshela botlhole mo dififing tsa diphologolo, maikaelelo e le go bolaya dibatana tse di ba jelang leruo, mme ka go tlhoka lesego manong e nne one a jang botlhole joo, a bo a swela gone foo.


O bolela fa ka dinako tse dingwe magodu a diphologolo a tshela chefi mo diphologolong tse ba di bolaileng ba batla dirwe tsa tsone, a supa fa ba tshela botlhole joo gore manong a seka lemotsha badisa diphologolo gore phologolo e swetse golo gongwe ka go kala fa tikologong ya  yone, mme kwa bofelong a je phologolo eo a bo a swela gone foo.


O file sekai ka morui mongwe yo o neng a tshela botlhole mo seruiweng se se suleng ka maikaelelo a go bolaya ditau tse di neng di tlhorontsha loruo lwa gagwe, mme manong a tla go ja seruiwa seo a bo a aswa a le lekgolo.


O supile fa kwa  Manyelanong kwa Otse, go ne go na le manong a le makgolo a mane, mme gompieno go setse manong a ka tshwara lekgolo le masome a mabedi fela, a supa fa gape manong a tsamaya thata mo nakong e khutshwane, mme ka dinako tse dingwe a swela kwa mafatsheng a sele.


Rre Tshimologo o supile gore fa manong a ka nyelela mo lefatsheng leno jaaka a gomagometsa go nyelela, go ka  nna le malwetse a a sa laolesegeng  jaaka molafo, ka jaana tiro ya one e le go phepafatsa tikologo ka go ja diphologolo tse di suleng.


O supile fa ba a fa makhanselara pego e ka ntlha ya gore molao o didimetse fela ka go sireletsa manong, mme a ba kopa go ruta setshaba ka botlhokwa jwa manong go ba thusa go gasa molaetsa.


O supile gape fa barui ba dira dilo ka ntlha ya go tlhoka go tlhaloganya di tla morago tsa tsone, a supa gore fa thuto e ka fitlha kwa go bone seemo se ka tokafala. 

Mokhanselara wa Letlhakeng Bokone, Mme Stella Segwagwa o ne a supa fa tota ba itse mosola wa manong, a supa fa badisa ba bogologolo ba ne ba lepa ka manong fa ba timeletswe ke loruo gore ba lo  itlhobogele fa lo sule ka go ya go bona fa manong a kokoanetseng teng.


Mokhanselarawa wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane o ne a supa fa thuto e e le botlhokwa, bogolo thata mo baruing, a boa a kopa gore ba Bird Life ba ne ba nna teng mo diphuthegong tsa kgotla tse ba di buisang, go tla go arogana thuto e le Batswana.


Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Lefoko Kegopotswe, o ne a supa gore ba tlaa tlhaba mokgosi gore molao wa go gagamaletsa setoropo ba ba bolayang manong o nna teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : interview

Date : 31 Oct 2016