Breaking News

Mesele ya kgopho ya metsi a a leswe e botlhokwa

02 Jun 2013

Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi o boleletse banni ba kgotla ya Madimotsebe kwa Bobonong gore mesele ya kgopho ya metsi a a leswe e botlhokwa fela thata.

Rre Kgathi a re kgaolo ya Bobirwa e na le metsi a mantsi ka fa tlase ga lefatshe ka jalo mesele eo e botlhokwa gore metsi a seka a kgotlegelesega. A re fa metsi a ka kgotlelesega, didiba tshotlhe di tlaa tshwanelwa ke go tswalwa jaaka go diragetse kwa mafelong mangwe a lefatshe leno.

A re puso e tlaa potlaka go bona gore dikgotlana tse di senang mesele eo di a tlamelwa. Rre Kgathi yo e bileng e le tona ya Banana, Metshameko le Ngwao o ne a tsibogela kopo ya kgosana ya kgotla eo, Mme Baaitse Mokgathi.

Kgosana Mokgathi o ne a bega fa batho ba koo ba tshwenngwa ke gore karolo nngwe ya motse wa Bobonong segolo jang mo kgotleng ya Borotsi kompone e e neng e epa mesele ga e a gokela diphaephe.

Le fa go ntse jalo Rre Kgathi a re o dirile lenaneo la go lekola dikgotla tsotlhe tsa motse wa Bobonong ka gore ga se bagodi botlhe ba ba kgonang go tsena diphutego kwa kgotleng e kgolo. A re kgaolo eo e solofeditswe kokelo mme ka lebaka la gore madi a a tlhaela e sa ntse e seegilwe go fitlhela madi a bonwa.

A re seemo sa metsi  se tlaa tokafala fa letamo la Thune le sena go wela. Mopalamente o ba lekodisetse gape ka lenaneo la ISPAAD le le tlhabolotsweng a kopa morafe  go le dirisa mo pakeng ya temo e e tlang.

O abetse kgotla eo sekete sa Pula go a dirisa mo ditlhabololong a bo a abela bagodi dikobo. Mopalamente o ne a lekodisa baagi ka molawana o mosha wa lefatshe o o tlaa letlang gore batho a leme ba bo a ruele mo lefatsheng le ba leng mo go lone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Jun 2013