Breaking News

Batlhokomedi ba kopiwa go amogela seemo sa bogole

30 Oct 2016

Khansele ya Gaborone e kopane le batsadi kwa Tsholofelo go rulaganya bokopano jwa go arogana maele a go tshela le ba-na-le bogole.


E rile a bua kwa bokopanong joo, mogolwane  yo o itebagantseng le thuto e e faphegileng ya ba-na-le bogole, Mme Cleopatra Tsoebebe a re batlhokomedi ba batho ba ba tshelang ka bogole ba tshwanetse go amogela seemo gore go nne motlhofo go dira tiro e.


A re bogole bo bakiwa ke dilo di le dintsi mme bo ka diragala ka nako ya fa ngwana a belegwa le fa a ntse a godile e le ka ntlha ya dikgobalo dingwe le go amega mo dikotsing tsa dikoloi.


Mme Tsobebe o kgothaditse batsadi gore ba  seka ba leba go tshela le motho yo o nang le bogole e le phutso mme ba itse fa e le seemo se se tshwanelwang ke go tsewa ka matsetseleko le bopelotelele.


E rile a tswa la gagwe ko bokopanong joo, Mme Moshia Moalusi yo e leng mogolwane mo ofising ya go rulaganya ditirelo tsa banalebogole  go tswa ko ofising ya ga Tautona a tlhalosa, fa puso e leka ka gotlhe go leka go araba dilelo tsa banalebogole.


A re, ofisi ya gagwe e netefatsa gore banalebogole ba akarediwa gongwe le gongwe mo makalaneng a a fang dithuso, a fa sekai ka go hirwa mo makalaneng a a farologaneng, go bona sebaka sa go ya dikoleng tse dikgolwane a tlhalosa fa ba fiwa monyetla wa go fiwa ditlamelo tse pele.
Mme Moalusi o ne a leboga dingwe tsa dikompone tse di ikemetseng mo maitekong otlhe a bone go thusa banalebogole le go ba direla tiro motlhofo.


A re banalebogole ba tshwanetse go dirisa ditirelo tse ba di beilweng pele ke dikompone tse ga mmogo le mmuso gore ba kgone go itshetsa le go tokafatsa matshelo a bone.


Mo mafokong a gagwe, morutabana wa banalebogole ko sekoleng se sebotlana sa Ithuteng Mme Mogakolodi Kelaotswe a re batlhokomedi ba banalebogole ba tshwanetse go itse fa go nna le monalebogole e se phutso mme e le masego a Modimo.
O rotloeditse batlhokomedi go itse fa go amogela seemo e le sone konokono ka go ka dira gore motho a seka a tshaba go tsena fa go tshwanetseng.


A re fa motho a amogetse seemo se, go nna motlhofo go godisa ngwana le go lemoga bokgoni jwa a nang le jone, a tlhalosa ka gore motho mongwe le mongwe yo o nang le bogole o na le bokgoni bongwe jo bo faphegileng, mme ka jalo o ka rotloediwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : GABORONE

Event : Bokopano

Date : 30 Oct 2016