Tsogwane o kopa maloko go ikanyega
30 Oct 2016
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o kopile maloko a Botswana Democratic Party (BDP) go ikanyega.
A re fa maloko a ka ikanyega, a tlaa kgona go gogela maloko a masha mo phathing.
O buile jaana kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya ditlhopho tsa bokhanselara tsa kgaolwana ya Maunatlala tse di neng tsa fenngwa ke Mme Salome Lesole mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2014.
A re fa maBDP a ka tswelela a ntse a na le boikarabelo le go itlhaloganya, e tlaare nako e e tlang ya ditlhopho ba bo ba fenya fela jaaka ka 2014.
A re maloko a BDP a boammaaruri ga a a tshwanela go reketla mme a tshwanetse go itshwarelela mo diemong dingwe le dingwe.
O ne a gwetlha Batswana go tswelela ba tshepha BDP ka e na le bokgoni jwa go tswelela e ntse e thusa Batswana ka e na le boikarabelo.
Rre Tsogwane a re o na le tlhobaelo ya gore go na le maBDP a a santseng a sa ikitse, a bolela fa e le nako ya gore ba iphuthe metlhala.
A re maloko a BDP tshwanetse a tshwane le masole a a yang ntweng ka ba a bo ba tshepa gore ba ya go e fenya.
O ne a rotloetsa maBDP go tshwaragana a bo a kgala mokgwa wa go rekisa phathi ga maloko mangwe fa ba sena go latlhegelwa mo ditlhophong.
O ne a gwetlha maBDP go ithuta gore phathi e direlwa jang ka Mme Lesole.
A re Mme Lesole ke senatla ka a simolotse BDP kwa dikomiting tse di farologanyeng a bo a di letlanya fa a emela ditlhopho tsa bokhanselara kwa Orapa.
Mopalamente wa Palapye yo e bileng e le mothusa tona wa thuto ya motheo, Rre Moiseraele Goya ene o ne a bolela fa Mme Lesole e le morongwa wa nnete mme batlhophi ba Maunatlala ba tshwanetse go tswelela ba ntse ba mo tshepha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MAUNATLALA
Event : phenyo
Date : 30 Oct 2016






