Mapodisi a Moshopa a tlhotlhomisa dintsho
28 Oct 2016
Mapodisi a Moshupa a tlhotlhomisa ditiragalo di le nne tse mo go tsone batho ba le bararo go belaesegang ba ikgapetse matshelo fa yo mongwe go belaesega a bolailwe.
Ditiragalo tse di diragetse Phalane a le masome mabedi le bongwe le a le masome mabedi le bobedi ka tatelano.
Go buile jalo mookamela mapodisi wa kgaolo eo, Rre Reubern Mphoeng mo puisanyong le BOPA .
A re mo tiragalong ya ntlha ba ne ba amogela pego ka nako ya boferabongwe bosigo, go tswa mo mmeng wa dingwaga tse di masome mararo le borataro wa kgotla ya Itsoseng kwa Moshupa, a supa fa a tlhasetswe ke monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone yo e kileng ya bo e le baratani.
A re mme yoo o ne a bega fa ene a kgonne go iphalotsha mme rre yoo a tsere ngwana wa mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi.
Rre Mphoeng a re ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo mme ba fitlhela rre yoo a setse a nyeletse ka ngwana.
A re go batlwa ga bobedi joo mo bosigong joo go ne ga seka ga ba tswela maduo, mme ya re fa ba ntse ba tsweletse ka go batla mo letsatsing le le latelang ba bega rre yoo a ikgapetse botshelo gaofi le Moshupa.
A re ba ne ba latedisa motlhala go batla ngwana yo a neng a mo thopile, yo le ene a neng a begwa a setse a tlhokafetse mo lefelong le le farologaneng le fa rre yoo a begilweng teng.
O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile loso lwa mosetsanyana yoo, yo e neng e le moithuti kwa sekoleng se sebotlana sa Bakoko gone kwa Moshupa mme fela pelaelo e le gore madi a gagwe a mo matsogong a monna yoo.
A re e ntse e le gone kwa Moshupa, e ne ya re Phatwe a le masome mabedi le bobedi ba amogela pego ya gore mosimanyana wa dingwaga tse di lesome le bongwe, wa kgotla ya Mmeasetsele o fitlhetswe a akgega mo setlhareng,
A re ba ne ba begelwa gape fa monna wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro wa kgotla ya Jerusalema go belaesegang a ikgapetse botshelo mo ntlung ya gagwe.
Rre Mphoeng o tlhalositse fa dintsho tse tsotlhe di diragetse ka mabaka a a sa itseweng, ka jalo ditlhotlhomiso di tsweletse.
A re maina a baswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe.
O kaile fa ditiragalo tsa go ikgapela botshelo di tshwentse fela thata. A re ngogola ba ne ba gatisa ditiragalo tsa go nna jalo di le nne mme mo bogompienong ba setse ba gatisitse dikgang tsa go nna jalo di le tlhano kwa Moshupa fela.
O ikuetse mo setshabeng go sekegela molaetsa wa mapodisi tsebe wa gore ba ne ba itsese bape fela ba ba ka ba fang bogakolodi, go ba thusa go tswa ka tharabololo ya mathata a bone, go na le gore ba ikgapele matshelo, a wela ka go re fa e gobetse e le nngwe di a bo di gobetse tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshegofatso Mongwaketse
Location : MOSHUPA
Event : Puisano
Date : 28 Oct 2016






