Breaking News

Malwelwe o lela ka lenyora

27 Oct 2016

Kgosi ya Malwelwe gaufi le Letlhakeng a re motse wa gagwe o bolawa ke lenyora le ntswa o le mo gare ga metsi a a nosang metse e e akaretsang Thamaga.

E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Bokau Tobe a supa fa go ngomola pelo go bona metsi a pompiwa mo didibeng tse di mo tikologong ya motse wa bone go nosa metse e mengwe.

A re e ne ya re fa go dirwa tanka ya metsi kwa motseng wa gagwe e e nosang metse eo, go ne ga nna le tumalano ya gore Malwelwe o tlaa gokelwa mo dipompong tse di tsayang mo tankeng eo, mme nako kgolo ke eno e bile khamphani e e neng e dira tiro eo e setse e phuthile e tsamaile.

Kgosi Tobe o supile fa seemo se dirilwe maswe le go feta ke go kgaolwa ga dipompo tsa morafe mo motseng maikaelelo e le go tsenya tse di duelelwang kwa pele, mme a re sebe sa phiri ke gore go tsere lebaka go di emisetsa.

A re se se dira gore motse otlhe o lwele tse di seng kae tse di sa ntseng di setse, e bile a re seemo seo se dirwa maswe le go feta ke go bo motsana o o mabapi wa Maratswane le one oo ga metsi mo Malwelwe.

Mo go tse dingwe Kgosi Tobe o ikuetse ka ditsela tse di gokaganyang motse wa gagwe le metse e e mabapi ya Letlhakeng, Ngware, Botlhapatlou le Mantshwabisi a re ga di mo seemong se se itumedisang.

A re jaaka paka ya dipula e kokota jaana ba a bo ba ya go tshwaragana le bothata fa ba di di dirsa, bogolo jang fa ba batla go ya Letlhakeng ka e le gone kwa ba tsayang ditlamelo teng.

A re seo se baka gore dikotsi di nne dintsi mo go tsone.

Kgosi Tobe o bile a lela ka tlhaelo ya boroko ja badirelapuso mo motseng wa gagwe, a a fa sekai ka mooki wa motse yo a reng o kabo a sa le a tsile ka kgwedi ya Phatwe mme a ise a iponatse ka ntlha ya lone letlhoko la boroko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 27 Oct 2016