Lekgotla la baruti le tlhopha komiti
27 Oct 2016
Lekgotla la dikereke kwa Kanye le sa tswa go tlhopha komiti e e tlaa le tsamaisang mo lobakeng lwa dingwaga tse pedi.
Ditlhopho tse di ne di tshwerwe ka mosupologo kwa kerekeng ya Jacob’s Ladder.
Maemo a modulasetilo a tserwe ke Rre Themba Pema a thusiwa ke Rre Alogeng Letebele ba boela mo mannong a o lekgetho la bobedi ka go latelana.
Maemo a mokwaledi a tserwe ke Rre Paul Tsitsi le ene a boela mo maemong ao e le lekgetho la bobedi ka go latelana, mme a thusiwa ke Mme Copper Rebang e le sefatlhogo se sesha mo komiting, fa motshola madi e le Rre Cassim Tshoganetso le ene a boela mo maemong ao lekgetho la bobedi fa maloko a a tlatsang komiti e le Rre Mpho Kenosi, Rre George Curtin le Mme Vivian Masibi.
E rile a amogela thomo, Bishop Pema a tlhalosa fa a lebogetse go busediwa mo maemong, le mororo a ne a eleditse gore a seka a emela ditlhopho gore a fe ba bangwe sebaka mme a felela a sekegela kopo ya lekgotla tsebe ka ba ne ba supa ba santse ba na le tshepho mo go ene.
A re keletso ya gagwe ke gore baruti ba ba sa tsweng sekoleng sa boruti ba direlwe thutuntsho go ba suga a tlhalosa fa sekgoreletsi e le letlhoko la madi, a tlhalosa fa pego ya motshola madi le yone e supile fa lekgotla le sena madi.
Bisop Pema o ne a lebogela gore ditlhopho tseo di tsamaile sentle ka di ne di gololesegile e bile di akareditse dikereke tsotlhe di sa sokamela ntlheng e le nngwefela, ditlhopho tseo di ne di tsamaisiwa ke moruti Boss Sebeelo go tswa ko lekgotleng la dikereke la Bible Society of Botswana.
E ne erile go le pele, Bishop Pema a ntsha pego ya modulasetilo metsotso e se kae pele ga komiti e kgologolo e phatlaladiwa, a supa fa a itumelela boleng jwa dikereke mo lekgotleng leo fa a tshwantshanya le pele a tlhalosa gore erile a tsena mo ofising ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2014 dikereke tse e leng maloko a lekgotla di ne di supa fela mme mo nakong eno di le masome a mararo le botlhano selo se a reng se supa kgatelopele.
A re lekgotla le akareditse dikereke ka go farologana, seo e le go supa lorato le popagano ka e bile di kgona go kopanela ditiro mmogo jaaka dikgaisanyo tsa moopelo le tse dingwe.
O tlhalositse gore dikereke di ne tsa supa mowa wa bopelotlhomogi ka go thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba abela dikolotsana tse pedi, dikobo le ntlo e agilwe ke ba kereke ya Methodist, le go ema nokeng ba lelwapa la lepodisi le le neng la gapelwa botshelo ke dirukutlhi dingwe mo Kanye.
Bishop Pema o ne a lebogela maloko a lekgotla dilo dingwe tse ba di dirileng mo dingwageng tse pedi tse di fetileng jaaka go dirisanya sentle le bogogi jwa motse bo akaretsa bogosi, ofisi ya ga molaodi, ya khansele, Bible Society of Botswana, ba lekalana la BOCAIP gammogo le go lekola ba ba tlhokafaletsweng, a re segolo thata o ba lebogela go tsaya karolo mo ditirelong tsa boipuso jwa lefatshe leno jwa masome a matlhano.
O tlhalositse gore dingwe tse ba sa di kgonang ke go baakanya molao motheo, go rekela lekgotla maranyane a computer, fa ba na le kgwetlho ya go tlhoka koloi ya lekgotla, le letlhoko la madi a a dirisiwang ke baruti mo ditirong tsa lekgotla tse dingwe tsa tsone e leng mesepele.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Ditlhopho
Date : 27 Oct 2016






