Breaking News

Mahetlwe o ipaakanyetsa makgaola-kgang

26 Oct 2016

Motse wa Mahetlwe mo kgaolong potlana ya Lentsweletau o ipaakanyetsa makgaola-kgang a dikgaisanyo tsa motse o o phepa.

Mmaboitekanelo kwa motse oo, Mme Kelebogile Motswagole, o tlhalositse jalo ka Mosupologo.

A re se se tla jaana morago ga gore motse oo o tseye sekgele sa maemo a ntlha mo kgaolong ya Kweneng ngogola.

O boletse fa sekgele seo se ne se sa ba wela ka lesego, mme e le maduo a go bereka ka natla ka jaana banni ba ne ba dira ka natla go phepafatsa motse.

A re komiti ya botsogo ya motse e ne ya tsaya matsapa a go etela banni kwa dikgotlaneng tsa bone go ba ruta le go ba rotloetsa ka dikgang tsa bophepa.

A re ba ne gape ba ema ka dinao go sela matlakala mo motseng, e le tsela ya go etelela pele banni mme a re se se ne sa supa tlhwaafalo e ba leng mo go yone.

A re tiro ya go phepafatsa motse e ne ya dirwa motlhofo ke gore banni bane ba rata tiro eo ka jalo ba bolola ka dipalo tse di kwa godimo.

Mme Motswagole o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba rotloetsa banni go dirisa motlhale wa go busetsa matlakala mo tirisong, mme a re se sene sa ba berekela thata ka e bile mongwe wa banni a ne a ikgapela maemo a bobedi gone kwa makgaola-kgannyeng a kgaolo ka dithoto tse di dirilweng ka matlakala aa dirisitsweng sesha.

A re Mme Senki Kokome o ne a dirisa matlakala go dira ditlhako, manyena, dihutshe, dinkgwana tsa dithunya ga mmogo le dibaga.

E re lefa go ntse jalo, Mme Motswagole o boletse fa go phepafatsa motse e se tiro e e motlhofo ka jaana e se botlhe ba ba ba sekegelang selo seo tsebe ka bangwe ba ba gasetsa diatla fa ba tla ka molaetsa wa phepafatso.

O boletse fa gona le batho bangwe ba ba latlhelang matlakala mo ditseleng, selo se a reng se ba pateletsa go nna ba etela ditsela tse di akaretsang ya Mahetlwe-Molepolole, Mahetlwe-Lentsweletau le ya Mahetlwe-Hatsalatladi go phepafatsa.

Mme Motswagole o ne a supa fa a leboga thata ba komiti ya botsogo ya motse, ka go seka ba ipona tsapa go dira ka matsogo se ba dumelang mo go sone, mme a leboga le banni ba motse go ba neela sebaka sa gore ba ba neele molaetsa mo dikgotlaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MAHETLWE

Event : Phuthego

Date : 26 Oct 2016