Breaking News

Thuto kgetsi ya tsie

26 Oct 2016

Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Matsaakgang kwa Kanye, Rre Seetleetso Moroka, o kopile batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana.

Fa a bua mo potsolotsong le bosheng, Rre Moroka o tlhalositse gore baithuti ba ka ntsha maduo a a nametsang mo thutong fa batsadi ba kgatlhegela dibuka tsa bana ba bone ka go sala morago se ba se dirang.

A re sekole se sebotlana sa Matsaakang ke sengwe sa dikole tse di tseelang thuto kwa godimo ebile se balelwa mo dikoleng tse tlhano tse di gaisitseng kwa Kanye mo go tse di masome a mabedi le botlhano mo kgaolong potlana eno.

Rre Moroka o ne a opela barutabana ba sekole seo diatla ka ba dira ka botshwerere gore bana ba kgone go ntsha maduo mo dithutong, a kaya fa go dira jalo e le gone go godisa thuto le go ntsha maduo mo tirong.

Mogokgo gape o lebogetse gore dikhamphani dingwe tse di ikemetseng di bo di supile lerato ka go abela sekole seo dithuso tse di farologaneng, segolo jang dimpho tse di filweng baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe.

A re go dira jalo ke go rotloetsa bana gore ba tseye thuto ya bone ka tlhwaafalo.

Rre Moroka o ne a tlhalosa fa ba tlhamile ditlhopha tsa baithuti tsa mo mosong le motshegare tse di itebagantseng le go bala le go dira dikarolwana tse ba di filweng ka dinako tsa thuto, go di dira ba le setlhopha gore ba ba sa tlhaloganyeng ba thusane botoka.

Mogokgo are go botlhokwa gore batsadi ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana go tla go buisana ka tse di amang thutong ya bana ba bone.

A re go botlhokwa gore baithuti ba gakololwe kwa lwapeng gore ba itse gore konokono ya thuto ke go bala.

Mme gape a re sekole se ntsha maduo le mo go tsa metshameko, a ba a supa fa bana bangwe ba le bane ba sekole seo ba kile ba ya go emela sekole seo kwa dikgaisanong tsa bosechaba tsa mabelo.

Mo go tse dingwe, Rre Moroka o kopile baithuti gore ba tlogele mekgwa e e maswe mme ba lebagane le thuto fela ka ke yone e ka tsogang e ba tlhofofaletsang botshelo.

O gateletse gore ba inaakanye le go bala lefoko la Modimo, a tlhalosa fa e le lone le ka ba bontshang tsela e e siameng le go ba bontsha lesedi la botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 26 Oct 2016