Banana kwa Letlhakeng ba tsosolosa ngwao
26 Oct 2016
Banana bangwe kwa Letlhakeng ba inaakantse le boithaopi go tlhagola tsela ya go bona tiro.
Ba re ba rutana ka ngwao ya motse wa bone le go itsa gore e seka ya nyelela ka e bile go nna merafe e e farologaneng kwa motseng oo.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, mongwe wa batlhami ba mokgatlho wa Matheabadimo Cultural Festival, Rre Kennedy Therego a re maikaelelo a bone ke go tsosolosa ngwao le go rutuntsha banana ka ngwao gore ba tle ba emele motse wa bone kwa dikgaisanong tsa ga Tautona.
A re ba eletsa thata gore mo tsamaong ya nako ba simolodise lefelo le go tlaa bolokwang ditso tsa motse mo go lone ga mmogo le go dira maitiso a ngwao a ngwaga le ngwaga.
Fa a tswa la gagwe mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a re go itumedisa fela thata fa motse wa gagwe o na le banana ba ba ratang segabone e bile ba sa batle go bona se nyelela.
O rotloeditse banana bao go tshwara ka natla le gore ba seka ba kgobiwa marapo ke dikgwetlho tse ba kopanang natso mme a re ba seka ba tshaba go kopa dithuso mo go ba ba maleba fa ba di tlhoka.
Kgosi Puleng o kopile bagolo ba motse oo gore ba eme banana bao nokeng go fitlhelela maikaelelo a bone le go itsa go kgobega marapo.
O bile a kopa batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena ditiro tsa motse le go ithaopa go isa motse wa bone kwa pele.
Banni le bone ba ne ba supa fa ba itumeletse maiteko a mokgatlho oo ba re e bile ba ne ba ntse ba ipotsa gore a mo motseng wa bone ga go na banana ba ba ka dirang tiro eo ka e bile ba ipelela letsatsi la ngwao kgwedi e e tlang ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le mane.
Ba re ba ntse ba tshwenyegile ka go tlhoka kgatlhego ga banana mo ditirong tsa boithaopi ka go lebega ba lebile fela mo pusong go ba direla sengwe le sengwe.
Banana ba mokgatlho oo le bone ba kopilwe go gasa mowa wa boithaopo mo bananeng ka bone gore motse wa bone o nne le tswelelo pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gomolemo Moketo
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Oct 2016






