Go fedisa dipompo go tlaa fokotsa ditshenyegelo
26 Oct 2016
Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, a re ka ntlha ya seemo se se sa iketlang sa loapi, dipula tse di boutsana le go dirisiwa ga metsi botlhaswa, mmuso o ikaelela go ntsha dipompo tsotlhe tse di ntseng di nosa setshaba.
A re go ntshiwa ga dipompo tse di ntseng di nosa setshaba go tlaa thusa go somarela tiriso ya metsi, phokotsego ya madi a a dirisiwang go baakanya dipompo le go rotloetsa Batswana go tsenya metsi mo malwapeng.
Rre Makgalemele, yo e bileng e le Mothusa Tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, o buile mafoko a mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Shoshong le Tobela bosheng.
O ne a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka melao e e dumalanweng mo phuthegong e e fetileng ya palamente.
O boletse gore mo palamenteng e e fetileng go dumalanwe melao ya go fetolwa ga molao wa tsamaiso ya ditlhopho, molao wa go amoga babereki ba maphata mangwe tshwanelo ya go ngala ditiro, molao o o sireletsang malomatsebe le go oketswa ga maphata a puso.
E rile Rre Makgalemele a itebaganya le tsa lephata la gagwe, a kopa Batswana go itlhatlhobela malwetse ka dinako tsotlhe gore badiri ba lephata la botsogo ba kgone go lwantsha malwatse ao a ise a jwelelele.
A re go itlhatlhobela malwetse go ka thusa badiri ba lephata leo go thusa balwetse ka nako e tshwanetseng e bile a bolela fa go dira jalo go ka thusa go fokotsa madi a dirisiwang goreka melemo le go fokotsa ditshenyegelo tsa madi a dirisiwang go romela balwetse kwa mafatsheng a sele goya go bona kalafi.
Mopalamente Makgalemele o ne a kgothatsa banni ba Shoshong le Tobela go ipaakanyetsa letsema la monongwaga ka go ntsha disana le magabu mo masimo gore ba kgone golema ka dipula tsa ntlha ka jaana ba lephata la tepo lowapi ba tlhalositse fa monongwaga go tla nna le dipula tse dinamagadi.
E rile banni ba Shoshong le Tobela ba akgela mo diphuthegong tseo, ba ngongorega ka go tlhoka go tshwarwa sentle mo dikokelwaneng tsa metse ya bone.
Ba buile gape ka gogo tlhoka go tlhabololwa ga ditsela tse di mo motseng, tiego ya go neela batho dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma, tiego ya go baya batho ditsha tsa masimo kwa Tobela ga lekgotlana la kabo ditsha gammogo le metsi a letswai a go bolelwang asa siamela botsogo jwa batho.
Mogolwane wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Moitshepi Galeemelwe, a re le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaela ga dikoloi le bodiredi, ba tsere tshwetso ya go oketsa dinako tsa go bereka ga dikokelwana dingwe tsa lefatshe leno e bile a bolela fa mmuso o simolodisitse sekole sa ithutelo bongaka kwa mmadikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Oct 2016






