Ramaeba o nwa mananeo moro
26 Oct 2016
Mme Keatametse Ramaeba wa Kalamare mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ke mongwe wa Batswana ba ba tsweletseng ka go akola maduo a lenaneo la go fepa badiri ba ipelegeng le bana ba sekole ka dijo.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Ramaeba o boletse fa a tsentse kopo ya go apeela badiri ba ipelegeng ka ngwaga wa 2012 mme a atlega.
O boletse fa a ne a simolola go ikagela ntlo ya dikamore tse pedi ka dipoelo tse a neng a di bona fa a apeela badiri ba ipelegeng.
A re o ne a tsenya kopo ya go apeela bana ba sekole se sebotlana sa Kalamare ka ngwaga wa 2013 mme a atlega, dikatso tse a di boneng a apeela bana ba sekole o boletse fa a ne a di dirisa go feleletsa ntlo ya gagwe.
Mme Ramaeba o boletse fa a ne a iteka lesego gape monongwaga a ikopela go apeela badiri ba ipelegeng mme a atlega gape, o tlhalositse fa a simolotse go apeela badiri ba ipelegeng mo kgweding ya Phalane.
O tlhalositse fa a fepa badiri ba ipelegeng ka borotho le senotsididi ka Mosupologo, Laboraro le Labone, mme a ba fepe ka setampa se se tlhakaneng le dinawa ka Labobedi le Labotlhano.
Mme Ramaeba o tlhalositse fa go le botlhokwa gore moapei a ye go itlhatlhobela malwetse a a tshelanwang go itsa go baya botsogo jwa batho ba a ba apeelang mo diphatseng.
O ne gape a tlhalosa gore moapei o tshwanetse go nna phepa ka go nna a kgaotse dinala, a sa itshase ditlolo mo sefatlhegong gape a nna a rwele tukwi kana tlhoro mo thogong.
O kaile fa a tlaa dirisa dikatso tse a tlaa di bonang go dila lelwapa la gagwe le go ikagela ntwana ya boiteketso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : KALAMARE
Event : Potsolotso
Date : 26 Oct 2016






