Ba batla molelwane o tlhabololwa
26 Oct 2016
Badiri ba molelwane wa Martins Drift ba ikuetse mo pusong gore e tlhabolole dilo dingwe mo molelwaneng wa bone.
Fa ba bua kwa bokopanong jwa bone le mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami yo e bileng gape e le Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Mme Dorcas Makgato, bosheng ba boletse fa molelwane wa bone o tlhoka go atolosiwa ka o na le motsamao o montsi wa dikoloi.
Mongwe wa babereki ba molelwane oo, Mme Olebile Mabula o ne a bolela fa borogo jo bo kgabaganyang noka ya Limpopo go ya kwa molelwaneng wa Aferika Borwa bo tsamaya koloi e le nngwe ka jalo ba kopa gore go atolosiwe go letla gore dikoloi tse pedi di fete.
A re dipone tse di laolang mosepele gone kwa borogong joo di sale di senyegile mo dingwageng di le mokawana tse di fetileng mme di batla paakanyo.
O tsweletse a re dipone tseo tsa mesepele ya dikoloi di ne di thusa seemo sa motsamao wa dikoloi fela thata.
Mme Mabula o ne a bolela fa ba na le letlhoko le lentsi la boroko mme babereki bangwe ba mo molelwaneng ba nna kwa motseng wa Lerala mme seo se sa ba siamela ka ba na le letlhoko la dikoloi.
A re babereki ba ba nnang kwa Lerala ba a tsewa ba bo ba busetswa kwa motseng oo.
O tsweletse a re matlo a bone a boroko a tlhokana le go baakanngwa ka a se mo seemong se ba ka bong ba nna mo go one mme a ikuela mo go Mme Makgato go ba thusa seemo se ka ba sa le ba ikuetse ko go ba ba maleba mme go sena nko e tswang lemina.
O tlhalositse fa bodiredi jwa lephata la tsa mesepele bo tlhaela ka badiri ba le batlhano ka ba bangwe ba sa le ba isitswe kwa mafelong a mangwe mme ba seka ba emisetswa ka ba bangwe.
Mme Mabula o ne a bolela fa ba tlhokana le pompara le mmereki yo o tlhokometseng ditlhare le go baakanngwa ga matlwana a boitiketso a badirisi ba molelwane.
Le fa go ntse jalo Mme Makgato o ne a tshephisa badiri ba molelwane oo fa a tlaa isa dilelo tsa bone tsotlhe kwa maphateng a a lebaneng mme a bo a di latedisa gore di tsibogetswe jang.
O ne a tlhalosa fa a sa bitsa diphuthego tsa kgotla jaaka ka tlwaelo mme a etela mafelo ka go farologana mo kgaolong ya gagwe a itebagantse le dilelo tse gantsi banni ba kgaolo ya gagwe ba lelang ka tsone.
O boletse fa go mo solegela molemo thata go dira jalo ka a kgonne go bona ka matlho mathata a a tlholang a a bolelelwa mo diphuthegong tsa kgotla a tla ka komiti ya ditlhabololo tsa motse le morafe mme go tlaa mo thusa fela thata ka a bone bokete jwa one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MARTINS DRIFT
Event : Bokopano
Date : 26 Oct 2016






