Breaking News

Banni ba Shakwe Taupye ba a ngongorega

02 Jun 2013

Banni ba Taupye le Shakwe ba supile ngongorego ka babereki ba dipalamo dingwe tsa setshaba tse di dirisang tsela ya Mahalapye, Machaneng, Sefhare, Chadibe, Mokobeng le Ramokgonami.

Go bolelwa fa badiri bao ba gana go pega batho ba metse eo le meraka e e mo tikologong e bile ba sa dirisanye sentle le palami. Ba ntshitse ngongorego e mo phuthegong e e neng e kopanetswe ke badiri ba lephata la dipalamo, beng ba dipalamo tsa setshaba, dikgosi le banni ba Taupye le Shakwe.

Ba re ba tswa kgakala ba ntse ba ngongorega ka beng ba dipalamo tseo, mme go se na nko e tswang lamina, mme ba bona go le botoka gore beng ba dipalamo tseo ba amogiwe diteseletso ka ba sa sala morago melawana ya tsa dipalamo.

Mogolwane wa lephata la tsa dipalamo kwa Mahalapye, Rre Desmond Dagwi, o  tlhomamiseditse banni fa a tlaa tlhotlhomisa dikgang tsa bone e bile a solofetsa fa a tlaa kopanela phuthego le beng ba dipalamo tseo gammogo le baeteledipele ba metse ya bone.

Rre Dagwi a re beng ba dipalamo tse di sa obameleng melao ya tsa dipalamo ba ka lefisiwa P400 kana P800 fa ba tsweletse ka go tlhoka go sala morago melawana ya tsa dipalamo kana ba seegelwe fa tlhoko mo ditseleng fa ba tsweletse ka go dira jalo kana ba amogiwe diteseletso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ka dipalamo

Date : 02 Jun 2013