Breaking News

Phetolo maitsholo eka tsisa maduo

25 Oct 2016

Mogokgo wa sekole se se botlana sa Motokwe, Mme Seikgopi Mphothwe o kopile banni ba motse wa Motokwe go rotloetsa bana ba bone go tsena sekole ka botswapelo le gone go ikgapha mo go direng ditiro tse di sa ba lekanang.

O boletse se ka Labotlhano kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o diretswe go rotloetsa bana ba ba gaisitseng ba bangwe mo dithutong tsa bone. 

Mme Mphothwe o ne gape a tswelela a supa fa sekole se sa ntshe maduo a a kgatlhisang ka ntlha ya gobo go na le palo e ntsi ya bana ba ba tswang mo sekoleng ba ya go nna kwa merakeng. 

 O ne a supa fa go sa ntse go na le batsadi ba ba tseelang bana ba bone kwa masimong go ya go ba berekisa, mme a re selo se se ba rontsha tshwanelo ya bone ya go ithuta.

Mongwe wa dialogane tsa sekole seo Rre Rapelang Modise o ne a rotloetsa baithuti go dirisa sebaka sa bone se ba se filweng go tsena sekole.

 O ne gape a ba rotloetsa gore ba nne le ditoro tse ba di beileng gore ba tle  ba di fitlhelele go na le gore ba tsenele sekole mo legoeleleng. O ne a kaya gape fa boitsholo le jone bo le botlhokwa fela thata ka bo ka ba thusa go nna sekao mo setshabeng le gone go tsweledisa mowa wa popagano.

O ne a rotloetsa batsadi gore ba tseye thuto ya bana ba bone ka tlhwaafalo. 

O ne a kaya gape fa go sa ise bana sekoleng le gone go diya ditlhabololo ka ditlhabololo di tsisiwa go lebilwe palo ya bana.

E rile a bua la gagwe, Rre Peo Mongana yo e leng mogolwane wa thuto mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, a supa fa dipaka e sa tlhole e le tsa maloba tse batsadi ba bone ba neng ba ba baya fela kwa morakeng ba ba itsa go ya dikoleng.

O ne a kopa batsadi go isa bana ba bone kwa dikoleng tsa bananyana  go ba bula ditlhaloganyo ba sale bannye gore e re ba fetela kwa lekwalong la bongwe ba bo ba kgona go bala le go kwala. BPKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Moletlong wa kabo dimpho

Date : 25 Oct 2016