Bakgatla ba rotloediwa go dirisa dikopelo go itshetsa
25 Oct 2016
E re ka jaana kgaolo ya Kgatleng e tlhwaelesegile ka dikhwaere lefatshe la Botswana ka bophara, nako e tsile gore ba simolola go boelwa ke talente ya bone.
E rile mogolwane wa Botswana Stock Exchange Rre Thapelo Tsheole a bua kwa kabong dimpho ya dikgaisano tsa mmino wa dikhwaere kwa ntlong ya ditso ya Phuthadikobo ka Sontaga mo Mochudi, a rotloetsa Bakgatla go dirisa talente ya bone go itshetsa.
A re Bakgatla ba itsiwe ka dikopelo e bile go tswa kgakala go itsiwe gore ga go na morafe o o ka ba gaisang mo mminong wa dikhwaere.
Rre Tsheole a re go maleba gore ba khwaere ya Sedibelo ba bo ba tsile ka mogopolo wa go simolodisa dikgaisano tsa dikopelo.
O supile fa seo se tlaa fa dikhwaere sebaka sa go phadisana mme moo go ba thusa go itsege le gone go ithekisa gore ba bone letseno.
O ne a supa fa nako e tsile ya gore dikopelo kana dikhwaere jaaka bangwe Batswana ba di bitsa, di simolole go bolokiwa le go newa seriti se se di tshwanetseng.
Rre Tsheole o ne a tlatsa ka gore dikopelo e tshwanetse ya nna kgwebo e Bakgatla ba ka itshetsang ka yone.
Ka jalo o ne a ba rotloetsa gore ba simolole go aga matlo a boroko kwa dikopelo di tshwarelwang teng gore ba bone letseno fa batho ba tsile go lebelela dikopelo tseo.
O ne a ba kgothatsa gore ba apeye mme ba rekise dijo tsa Sekgatla ko mafelong ao mme gape ba ka dira madi ka go rekisa paka ya bone ya dikopelo ka seo se ka oka maloko a masha le bone balebeledi tota.
Mogolwane wa Botswana Stock Exchange o ne a supa fa ba tshwanetse ba ithuta ka go fetola dikopelo tsa bone gore di ba busetse mme o ne a ba bolelela fa a ka ba thusa gore ba kgone go dira seo.
Tona wa thuto ya motheo e bile e le mopalamente yo o itlhopetsweng Dr Unity Dow o ne a supa fa dikopelo go tswa ko di tswang teng di ntse di ruta di bo di neela setshaba molaetsa wa ditiragalo tsa ngwaga oo.
A re ka jalo dikhwaere di tshwanetse tsa boloka talente eo gore bana ba tle ba ithute mo go yone.
Dr Dow o ne gape a kopa dikhwaere go gatisa moopelo wa bone gore o bolokesege mme ba kgone ba rekise ba dire madi a a ka thusang mokgatlho wa bone go gola le go atlega.
E ne e rile go le pele, mokhanselara wa Oodi Rre Batlhalefeng Ramosesane a supa fa maikaelelo magolo a dikgaisano tse e le go boloka ngwao ya dikopelo tsa Bakgatla.
A re e simolotse e le mogopolo ka Rre Aaron Ogopoleng wa khwaere ya Sedibelo mme o ne wa atlega ba sena go kopa dithuso.
Rre Ramosesane a re dikgaisano di ne di tshwerwe ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le bosupa mme dikhwaere di le lesome tsa iteisana borathana.
E rile a amogela baeng Rre Phemelo Rapoo yo e leng mogolwane wa ntlo ya ditso ya Phuthadikobo o ne a supa fa go le botlhokwa go somarela ditso tse di sa tshwarweng.
A re dikopelo ke talente e e mo tlhaloganyong mme e tshwanetse ya bolokwa gore e sologele le bana ba ba tlang kwa morago molemo.ENDS
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Kabo dimpho
Date : 25 Oct 2016






