Seboni o kgothatsa banni go phepafatsa Kumakwane
25 Oct 2016
Kgosi Chomie Seboni wa Kumakwane mo kgaolong ya Kweneng o kopile banni go tsaya maikarabelo a go phepafatsa motse ka o le leswe fela thata.
E rile a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Seboni a re motse o tletse ka leswe la dipampiri, dipolasitiki le metseto.
“Metseto e e ntshwentse fela thata ka gore ke ipotsa gore a ke ya batho ba Kumakwane kana ya bafiti le tsela ka gore o tla fitlhela e tletse lemo maemelong a dibase e bile dipolasitiki tse di e tsentseng di kgagotswe ke dintsa mme seo se dire bosutlha jo bo sa eletsegeng ga mmogo le borai mo leruong le le gobeyang mo mekgwatheng,” Kgosi Seboni a tlhalosa.
A re o lemogile gore leswe la metseto le ile magoletsa morago ga gore kokwelwana ya bone e emise go tsaya metseto eo dikgwedi tse tharo tse di fetileng.
Mongwe wa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Thanolo Hendrick a re ba ne ba itlama go sela matlakala le metseto ka lenaneo la Ipelegeng mme ya re morago ba lemoga gore tiro ya ba ketefalela mme ba emisa.
Mme Hendrick a re, ba emisitse go sela matlakala ka koloi e e tsayang matlakala ya khansele e ne e tsaya dikgwedi go tla mme seo seba busetsa kwa morago ka gore dintsa di ne di gasa gasa matlakala ao, mme go sa le go sa bonale gore a mme go kilwe ga phepafadiwe.
Monana, Mme Keamogetse Katumetse a re ene o eletsa gore e kare batho ba ka fokotsa go dirisa metseto eo ka bontsi, mme ba dirise e e tlhatswiwang go tokafatsa seemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KUMAKWANE
Event : Potsolotso
Date : 25 Oct 2016






