Maele o kopa Lerala go baakanya kgang ya balebeledi
25 Oct 2016
Mopalamente wa Lerala-Maunatlala, Rre Prince Maele, o kopile banni ba Lerala go baakanya kgang ya balebeledi ba lefatshe.
Banni ba na le dingongora tsa gore go ntshitswe balebeledi ba lefatshe ba ba neng ba ntse ba le teng mme ba emisetswa ka dikgosana tsa motse wa bone.
Rre Maele, yo gape e leng Tona wa Tlhokomelo ya Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho ya Metsi a a Leswe, a re ka tsamaiso, balebeledi ba lefatshe ba tlhophiwa ke morafe kwa kgotleng mme fa e le gore ga go a diragala jalo banni ba tshwanetse ba baakanye kgang eo.
A re go le gantsi balebeledi ba lefatshe ga se dikgosi mme ke bangwe ba morafe.
Ka jalo o ne a bolela fa go ka seke go sologele banni molemo ope fa ba beile dikgosana go nna balebeledi ba lefatshe ka gore fa dikgosana tseo di atswiwa ke puso ga di na go atswiwa gape e le balebeledi ba lefatshe.
A re fa banni ba ne ba ka baa bangwe ba motse go nna balebeledi ba lefatshe go ne go ka nna molemo ka ba ne ba tlaa atswiwa mme ba kgone go itshetsa ka madi ao.
O ne a kopa banni go akanya gore ba ka baakanya kgang ya bone ya balebeledi ba lefatshe jang ka fa ba tswelela fela jalo ba sa e baakanye o tlaa kwala mokwalo o o supang fa a sa tsee tsia dikgosana tse di beilweng tseo go nna balebeledi ba lefatshe ka a na le dithata tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Oct 2016






