Tiriso ya nnotagi le diritibatsi e a tshwenya
25 Oct 2016
Kgosi Justice Motlhalane wa Sese a re o tshwenngwa ke dikgang tsa nnotagi le diritibatsi tse di golelang pele mo motseng wa gagwe.
Kgosi Motlhalane o tlhalositse mo potsolosong gore kgotla ya gagwe e tsweletse ka go amogela dikgang tsa melato e e diragalang batho ba itshietse.
O kaile fa melato e mentsi jaaka go lwa, go tlhapatsa, go tshosetsa ba bangwe matshelo le go lwela bakapelo, e diragala thata fa batho ba setse ba itshietse nnotagi jalo a kopa morafe go ikgapha.
A re le ntswa puso e dira maiteko a go tlhabolola matshelo a Batswana, bangwe ba tsweletse ka go ikgatholosa mananeo, mme ba inaakantse le nnotagi gammogo le diritibatsi.
O boletse fa banana ba motse wa gagwe ba ganelela mo dipotong le dibara.
A re le diphuthego tsa kgotla ga ba di tsene ka ba okiwa ke diletso tsa ko dibareng.
A re bangwe batsadi ba tsogela kwa marekisetsong a nnotagi ba itlhokomolosa maikarabelo a bone mo malwapeng.
A re fa motsadi a le mo tirisong ya nnotagi ga a kgone go tshwenyega gore a bana ba jele kana ba ile sekolong, selo se se feletsang se ama maduo a bana.
A re bangwe fa ba sena go nwa bojalwa ba lwantsha ba bangwe ba felele ba bolaana.
Rre Motlhalane a re motokwane o dirisiwa thata mo motseng wa gagwe mme ba sa itse ko o tsewang teng.
Go sa le foo, Kgosi Motlhalane o kaile fa a tshwentswe gape ke boimana jwa baithuti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandi Tebelelo
Location : SESE
Event : Potsolotso
Date : 25 Oct 2016






