Nzonga o rotloetsa mowa wa neelano
24 Oct 2016
Kgosi Toteng Nzonga wa Nkange a re mowa wa neelano o baeteledipele ba lefatshe leno ba tsweletseng ka go o tshegetsa o na le seabe le bokao mo go ageng lefatshe leno.
O buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re neelano e tsweletse ka go tlotlomatsa serodumo sa lefatshe, gape e kopanya setshaba le go rotloetsa kagiso lefatshe ka bophara.
Kgosi Nzonga a re neelano e rotloetsa gore dilo di direlwe mo pontsheng mme a re se gape se fa baeteledipele sebaka sa go itshekatsheka le gone gore ba sa le ditsela tse di maleba morago.
O tshwaetse fa mowa wa therisano le one o na le seabe go godisa lefatshe le bodiredi ka go farologana.
A re therisano e e diragala jaaka baeteledipele ba nna ba etela mafelo ka go farologana go utlwa ka matshwenyego le gone go bona gore tshwetso go ka salwa efe morago.
Kgosi Nzonga a re neelano le therisano ke tsone gape di dirang gore ditlhabololo tsa lefatshe leno di tswelele ka go golela pele e bile gape di akolwe lefatshe ka bophara.
A re e re ntswa dikgwetlho ka go farologana di nna di tlhagoga, se se itumedisang gape se nametsa ke go bona puso e dira ka thata maano a go ka di rarabolola, a re go na le dilo tse dintsi tse di atlegileng e bile di kgatlhisa ka lefatshe leno tse go ka ipelwang ka tsone.
Mo go tse dingwe, Kgosi Nzonga o gakolotse gore go tsosolosa mowa wa boipelego le gone go ka godisa lefatshe leno mme a re bangwe Batswana ba tsweletse ka go ikaega ka dithuso tsa puso ntswa ba na le bokgoni jwa go ka itirela.
Kgosi Nzonga re fa batho ba ba ka nna le mowa wa boipelego, seo se ka dira pharologanyo ka jaana ditshenyegelo tse puso e di dirang tebang le go tokafatsa matshelo a bone di ka boloka go ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : NKANGE
Event : potsolotsong
Date : 24 Oct 2016






