Breaking News

Puso e itlama go tlhabolola magae

24 Oct 2016

Modira dipatlisiso kwa  Botswana Institute for  Development Policy  Analysis (BIDPA ), Mme Naledi Matala o boleletse banni ba Jwaneng gore puso e itlamile go tlhabolola magae le go nonotsha bodiredi jo bo direlang kwa dikgaolong.
O buile jalo kwa phuthegong  ya kgotla e maikaelelo a yone  e neng e le  go tsaya megopolo mo morafeng gore lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le ka dira jang go tokafatsa go isa  ditirelo kwa setshabeng.
A re puso e dira maiteko a go isa ditlamelo kwa metse selegaeng  ka  dikhansele, makgotla a kabo ditsha, ofisi ya ga molaodi ga mmogo le makgotla a Setswana.
Mme Matala a re maikaelelo ke gore morafe e nne one o agang lenaneo la go ithola ditiro ga puso, mme a kgothatsa morafe  go tswa ka megopolo e lephata  le ka e dirisang go tokafatsa ditirelo.
Banni ba Jwaneng ba ne ba supa fa go le botlhokwa gore ditirelo tse bontsi ba di latelang kwa Gaborone, di atumediwe kwa Jwaneng.
Ba ne ba kopa gore ditlamelo tsa ofisi ya go abiwa ga ditiro tsa puso ya Public Procurement and Asset Disposal Board (PPADB) e tlhomiwe kwa Jwaneng.
Mongwe wa banni ba Jwaneng Rre Jonathan Tebogo o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ofisi ya PPADB ga mmogo le ya Registrar of Companies di atumele mo toropong eo  gore ba kgone go akola ditirelo botoka ba sa di latele kgakala.
A re seo se ka fefosa le maneneo a puso a a akaretsang la banana la Youth Development Fund (YDF) le a mangwe a a tlhokanang le gore kgwebo e bo e kwadisitswe ka fa molaong.
Rre Tebogo o ne gape a supa fa seo se ka fefosa  le go tlhamiwa ga mebereko ko  toropong eo,e e ikaegileng ka moepo wa diteemane.
A re mosuke o o kwa Gaborone ko diofising tseo, le one o ka fokotsega mme ditirelo tseo tsa kgona go anama le dikgaolo.
Rre Balosang Rakaisa yo e leng monni wa Jwaneng le ene o ne a kopa puso go tsibogela go diega go wediwa ga dikago tsa puso mo go setseng go babalela toropo ya Jwaneng.
A re lephata la dikgaolo le tshwanentse go tsaya boikarabelo jwa go fetola melao e ba bonang e rotloetsa tshenyetso setshaba mo go abiweng ga ditiro tsa puso.
Rre Rakaisa o ne a supa gape gore nako e tsile ya gore ditirelo di phatlaladiwe ka lobelo ko  Batswaneng segolo jang lefatshe leno le sa tswa go digela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le ipusa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebogang Baingapi

Location : JWANENG

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 24 Oct 2016