Breaking News

Komiti e supa bopelotlhomogi kwa Kareng

24 Oct 2016

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun Administration Authority (MAA), Rre Gaokgakala Letswee, a re go a itumedisa gore Batswana ba bo ba diragatsa mowa wa bopelotlhomogi.
A re Batswana ba ne ba bona go le botlhokwa go itshegela tema ya gore pele ga ngwaga wa 2016 o fela, Motswana mongwe le mongwe a bo a le mo seemong se se nametsang sa botshelo.
Rre Letswee, yo e bileng e le mokhanselara wa Tsau mo kgaolong ya Nhabe, o buile jalo kwa Kareng kwa komiti ya khansele ya Bokone Bophirima ya lekalana la go dupiwa ga dibuka e neng ya abela mme mongwe dilwana tse di jelang, dipitsa, diaparo le Tsabana.
A re komiti e ne e itebagantse le letshego la tebelopele ya 2016 la setshaba se se kutlwelobotlhoko.
Rre Letswee o tlhalositse fa Tautona a ne a tlhaba mokgosi gore Batswana ba thusane ka sengwe le sengwe se ba ka se kgonang morago ga go lemoga fa puso e le nosi e ka seka ya kgona.   
A re ke sone se komiti ya bakanoki ba dibuka tsa khansele ba se supileng ka go abela Mme Kagiso Mosinki yo o dingwaga di masome mararo le boherabobedi dilwana tse ba lemogileng fa di ka mo thusa.
Modulasetilo o tlhalositse fa go kwadilwe mo bukeng e e boitshepo gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, ka jalo a re badiri bao ba segofaditswe fela thata.
Mokwaledi wa khansele-potlana eo, Mme Mogomotsi Seemule, a re ba dirile jalo ka thotloetso e e tswang kwa go Tautona, mme ba bona le bone go le botlhokwa gore ba thuse ka sepe fela se ba ka se kgonang, a tlhalosa fa e le bone ba tshwereng kgaolo mme a re ba itse sentle gore dipalo tsa batlhoki di kwa godimo go le kae.
A re le fa ba le palo nnye fela ba ne ba kgona go thusa ka tse ba di kgonneng morago ga gore ba kopanele mogopolo wa gore mongwe le mongwe wa bone a ititeye pata gore ba kgone go kgobokanya madi.
O tsweletse a re go neela ga se gore o neela eng mme ke gore a seo se ntshang o se ntsha ka lorato lone le le kwadilweng mo bukeng e e boitshepo, a re fa o ntsha go sena lorato go tshwana le o betsa tshipi ka e nngwe.
A re setshaba se tswhwanetse sa nna se akanya mafoko a a reng ‘kene ke tshwerwe ke tlala mme wa ntima dijo, ke ne ke sa tswala wa seka wa nkapesa..’ a bolela go aba e le tlhotlheletso ya Modimo.
Mokhanselara wa Sedie mo Maun, Rre Kaukapita Kaukapita o tlhalositse fa go nna teng ga batho ba motse oo ka bontsi kwa tirong eo go itumedisa thata e bile go supa fa mowa wa tirisano mmogo o rena mo motseng oo a ba a ba kopa gore ba tswelele ba tshwaragane fela jalo.
O bile a kgothatsa Mme Mosinki a re a seka a ikutlosa botlhoko a re gongwe go na le sengwe se ene a senang naso mme a re a tswelele a itse fa a tshwana fela le batho botlhe, a ba a mo akgola a re go tla ga batho kwa tirong ya gagwe go supa sentle gore le ene ke motho a na le tirisano mmogo le batho. ENDS

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : KARENG

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Oct 2016