Breaking News

Kamo le Kamo e otlolotse letsogo

23 Oct 2016

Kereke ya Assemblies of God e e itsegeng ka leina la Kamo le Kamo kwa Mmadinare e rile bosheng ya otlolola letsogo go thusa bagolo ba le lesome le botlhano ba motse wa Mmadinare ka dijo le diaparo.

E rile a supa maikaelelo a letsatsi leo, moruti Nonde Chishimba a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le ba kereke ya Assemblies  Of God e le go fitlhelela batho botlhe ba ba sa kgoneng go itirela sepe kana ba setse ba feletswe ke dithata tsa go itirela.

Moruti Chishimba a re ba bone go le botlhokwa thata go lemoga bagolo mo motseng ka ba dirile go le gontsi gore lefatshe la Botswana le bo le le mo seemong se le leng mo go sone le bo le galalediwa le kwa mafatsheng a mangwe.

Moruti Chishimba a re batsadi ba tlhoka nako ya go supegetswa lorato le go itumediswa ka dinako tsotlhe ka ba tshelela mo kgatelelong ya maikutlo le go tshabelelwa ke malwetse ka mebele ya bone e sa tlhole e kgona go lwantshana le makoa.

Moruti Chishimba a re mo nakong ya gompieno dikereke ka bontsi di latlhegetswe ke boleng  ka ba ikgatholositse se motheo wa kereke e leng sone ka baruti ba gompieno ba e leng banana ba itibile ba le nosi go ikgotsofatsa le ba malwapa a bone.

E rile a ema balatedi ba kereke ya Assemblies Of God ka lefoko, moruti Enoch Basimolodi wa kereke ya Unity House Ministries a re o leboga thata fa a ntse a bona bana ba Modimo ba na le kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba tshelang nabo ka ba kgona go lemoga botlhoki jwa bone.

Moruti Basimolodi a re se se dirilweng ke ba kereke ya Assemblies Of God ke se Modimo a se batlang e bile go kwadilwe le mo bukeng e e boitshepo.

Moruti Basimolodi a re fa motho a aba e a bo e se gore o na le go le gontsi mo botshelong mme maikaelelo e le go kgaogana se a se tshwereng le yo o senang sone, a tlhalosa fa motho yo o sa kgoneng go itirela e se boikgethelo jwa gagwe.

Moruti Basimolodi o ne a gwetlha bodiredi jotlhe jwa kereke go tswelela ba okela bana botlhe ba ba tletseng mo mekgwatheng kwa kerekeng  ka se se ka fokotsa tiriso ya nnotagi, go tlhoka tsebe le borukutlhi ka ke tsone tse di ba senyetsang bokamoso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MMADINARE

Event : Kabo dimpho

Date : 23 Oct 2016