Ba kgothadiwa go lwantsha letshoroma
23 Oct 2016
Modiri mo lephatleng la botsogo le boitekanelo kwa Bobonong Mme Tshepo Mokhutshwane a re bolwetse jwa letshoroma bo ka lwantshiwa fa setshaba se dirisana le lephata leo.
O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Gobojango kgwedi eno e le lesome le bosupa gore bolwetse jwa letshoroma jo bo anamisiwang ke montsana ke bongwe ja malwetse a a ka gapelang motho botshelo.
A re molwetse wa bolwetse jo gape o ka latlhegelwa ke pono kana tlhaloganyo. Mme Mokhutshwane a re se ga se a tshwanela go diragala ka lebaka la gore puso e ntshitse lenaneo la go gasa molemo o o bolayang montsana mo matlong a banni ba sa duele sepe go lwantsha bolwetse jo.
A re mo letsholong le go botlhokwa gore setshaba se dirisanye le badiri ba lephata le go nyeletsa montsana o o anamisang bolwetse jo. Mme Mokhutswane o rotloeditse banni ba Gobojango go kgothatsana ba bo ba letlelele badiri go gasa molemo mo matlong a bone go thibela kanamo ya bolwetse ja letshoroma.
A re go gasiwa molemo mo leboteng la matlo, mme a kopa banni go nna ba ipaakantse go amogela badiri. Mme Mokhutswane o tlhalositse fa go na le kgonagalo ya gore morago ga go gasa molemo, montsana o ntsifale, mme e a bo e se o o anamisang bolwetse.
E rile a tswa la gagwe mongwe wa banni, Rre Thokgamo Koma a re lebaka la gore batho ba bo ba le kgatlhanong le go gasetswa molemo ke gore badiri bao ba tsena ba le nosi mo matlong fa beng ba sala kwa ntle mme a kopa gore ba botsogo ba sekaseke lebaka le.
O supile fa lefatshe le le ikaeletse go nyeletsa bolwetse jo ka ngwaga wa 2018. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Monosi Cletus
Location : GOBOJANGO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Oct 2016






