Breaking News

Puleng o kopa banni go tsena diphuthego

23 Oct 2016

Mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a  re banni ba motse oo ga ba tsene diphuthego tsa kgotla.

E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Puleng  a re le fa phuthego e laleditswe banni ga ba ke ba ba tshologa mokgosi go tla go utlwa se ba se bilediwang.

Kgosi Puleng a re se se tshwenya fela thata ka gore bangwe ba banni ba nna ba ngongoregela gore ga ba rerisiwe ka ditsamaiso tsa motse wa bone le ntswa ba sa tsene diphuthego, a re ga go na tsela epe e ba ka itseng ka ditiragalo tsa motse wa bone  fa ba sa tsene diphuthego.

O tsweletse a re se se ngomolang pelo le go feta ke gore banana bone gotlhelele ga ba ke ba iponatsa mo diphuthegong ntswa e le bone bagogi ba kamoso.

A re se se tsisa matshwenyego a gore  fa ba sa tsene diphuthego jaana ba tlaa tsoga ba etelela pele jang ba sa itse tsamaiso le ditso tsa motse wa bone.

A re o kopile dikgosana tsa motse wa gagwe gore ba simolole go buisa diphuthego mo dikgotlaneng tsa bone gore ka tsone banana ba rotloetsege go tsena diphuthego.

Kgosana ya kgotla ya Ratshosa, Rre Othusitse Keoepile o supile fa le ene a lemogile boutsana ja banni mo diphuthegong, mme a re banni ba ntsha mabaka a gore diphuthego di lalediwa thari ba setse ba na le mananeo a sele.

A re le fa go ntse jalo, go na le batho ba ba itsisiweng ka phuthego malatsi pele ga letsatsi la phuthego, ba tshwana ba komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ba itsise morafe ka phuthego.

Rre Keoepile a re banni bogolo jang banana ba tshwanetse ba rutuntshiwa ka botlhokwa jwa phuthego ya kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gomolemo Moketo

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 23 Oct 2016