Breaking News

Thako mmantswitswidi wa poko

23 Oct 2016

A re ke ene kgogomodumo phologolo ya mala a matona, phologolo e e kileng ya tsenelela motse ya o falatsa, ga sala kgosi fela a busa mmu le dinonyane tse pedi.

Go ipolela jalo Rre Keolopile Thako wa Bobonong yo e leng mmoki wa maemo a ntlha.

Rre Thako o buile mo potsolotsong gore o tswa kgakala e le mmoki.

A re lerato la poko mo go ene le tlhotlheleditswe bobe ke ka fa dikgomo tsa gaabo di neng di teilwe maina ka teng, a tlatsa ka gore, e ne e re fa a di fitlhela tlase ga meriti di iketlile, ka fa a neng a bitsa maina a tsone ka teng go ne go mo jesa monate thata.

A re ntatemogoloagwe ka fa a neng a reeletse bana ba gagwe maina ka teng, ke gone gape go mo dirileng gore a rate poko.

O tlhalositse fa a sale a boka a santse a le kwa sekoleng se sebotlana.

Kgabagare a re o ne a tlogela poko go inaakanya thata le dithuto tsa gagwe.

O boletse fa e ne ya re go fetsa dithuto tsa gagwe tsa mophato wa botlhano, a inaakanya le ditiro tse dingwe tsa gagwe kwa ntle ga poko.

Rre Thako, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bone, a re ntswa le fa a ne a ikitse e le mmoki o ne a sa dumele fa a ka kgona go boka motho kana sepe fela fa a le fa gare ga morafe.

Mme e ne ya re ka ngwaga wa 2010 fa a dira le ba sepodisi go simolola dithulaganyo tsa  dithuto puisano ka dikgang tsa borukutlhi, ga supa fa ba batla mongwe yo o ka natefisang letsatsi.

Ka ba ne ba seka ba bona ope yo o ka dirang tiro eo,a re ba ne ba mo kopa go dira sepe fela se se kgatlhang setshaba, ka jalo ene a kgetha go dira leboko.

Rre Thako a re morago ga go diragatsa kwa letsatsing eo, bontsi jwa batho ba ne ba mo akgolela tiro e a e dirileng ba bo ba mo gwetlha go inaakanya le poko.

Morago ga go dira jalo, o ne a tsena dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa dikgaolo ka ngwaga wa 2012 mme a gapa maemo a bobedi.

Rre Thako a re o boile sebowabowane ka ngwaga wa 2014 le 2015 a tsaya maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona tsa dikgaolo.

A re ntswa le fa a ise a fetele kwa makgaolakgannyeng a dikgaisano tseo, o tlaa tswelela ka go dira ka natla gore le ene a ipone a phadisana le baboki ba bangwe ba ba itsegeng thata mo Botswana.

O supile fa bontsi jwa batho ba Bobonong ga mmogo le dikgosi ba kgatlhegela poko ya gagwe. A re bosupi ke kakgolo e a e boneng morago ga go boka Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kgwedi ya Sedimonthole ngwaga o o fetileng fa a etetse Bobonong.

Morago ga go boka Tautona, o ne a mo leboga ka P6 000 a a neng a a dirisa go reka paka ya poko.

O gwetlhie Batswana go tshegetsa ngwao ya bone segolojang puo ka e le yone e ka ba kayang se ba leng sone.

Rre Thako o rotloeditse banana go dirisa ditalente tsa bone ka di ka ba isa golo gongwe mo botshelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 23 Oct 2016