Breaking News

Faith mission e rotloetsa baithuti

20 Oct 2016

 Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Ipeleng, Mme Naledi Maokaneng o lebogetse kereke ya Apostolic Faith Mission kwa Lobatse go bo ba  itlhophetse sekole seo go se tlhokomela ka ditlamelo gore ba fitlhelele maitlamo a bone a thuto.
Mme Maokaneng o buile jalo bosheng, kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng seo go lemoga bana ba ba dirileng sentle le go rotloetsa ba ba sa dirang sentle gore mo nakong e e tlang  e nne bone ba tsayang dimpho.
Mme Maokaneng a re ba kgona kabo dimpho  ka thuso le  kemo nokeng ya kereke e a reng e thusa fela thata matlhoki a sekole seo, a re ke tiro e e botlhokwa, a tlatsa ka gore mme le khansele ya toropo ya  Lobatse le yone e a ba thusa.
Fa a tswa la gagwe, moruti Tonka Rachabatsotlhe wa kereke ya Apostolic Faith Mission kwa Lobatse a re maikaelelo a kereke  ke  go ipelela bana ba ba dirileng sentle gape ba atlegile, le go kgothatsa ba ba sa dirang sentle gore ba nne ba tseye karolo mo isagong.
Moruti  Rachabatsotlhe, a re mo malatsing ano ditagi ke kgwetlho ka ditagi di tsena mo sekoleng go tswa kwa mekgwatheng, le kwa malwapeng, jalo a gwetlha batsadi go ntsha matlho mo dikgapheng go lebelela tse bana ba di dirang fa ba se mo sekoleng.
O ne a tlatsa ka gore go swabisa nko go feta molomo gore ditagi di bo di sukunyetswa mo dikoleng tse di ka bong di tsewa jaaka mafelo a a agang matshelo a bana go nna le setho se s e eletsegang e seng go nna lefelo la go ba ntsha  mo taolong.
A re ditagi ke kgwetlho e e tlhokang banaleseabe botlhe go akaretsa baithuti le barutabana, gammogo le bana ba ba kwa mebileng go lwantsha tiriso ya ditagi mo baneng.
O tsweletse a re go botlhokwa gore baithuti ba  tsepame mo dithutong a re thuto e ka fetola matshelo gape ya tokafatsa seemo sa botshelo sa motho go nna se a batlang go nna sone mo isagong.
E rile a ema baithuti ka lefoko, Constable Naganang Mogapele wa sepodisi sa Botswana o rurifaditse fa ba duba thankga bosigo le motshegare ya tiriso ya ditagi gape a supa fa di lengwa mo malwapeng le gone gore di tsena ka melelwane di tswa kwa mafatsheng a a bapileng le leno.
O gwetlhile batsadi le barutabana go ela tlhoko thata go bona gore ditagai ga di tsene mo dikoleng tsa bone.
O boletse gape gore puso e tshwenyegile thata ka tiriso ya ditagi jaaka motokwane le marijuana, a re ngwana o supa fa dikai tsa ngwana yo o inaakantseng le tsone o ka mmona ka matlho a le mahibidu kgotsa a tletse tshakgalo le phetogo ya maikutlo.
Mephato yotlhe ya baithuti e ne e abelwa go simolola ka moithuti yo o gaisitseng botlhe, moithuti yo o gaisitseng ba a tsenang le bone mme go fiwa mpho le setlankana moithuti  wa maemo a ntlha go fitlha ka  wa boraro, baithuti ba ba phepa le ba ba gaisitseng mo go tsa metshameko le bone ba ne ba lemogiwa
Kabo dimpho eo e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng Ditagi Sekgoreletsi mo Katlegong ya Thuto le Botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : moletlo wa kabo dimpho

Date : 20 Oct 2016