Tlhokomelo e a reketla
20 Oct 2016
Mothusa tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Kgotla Autlwetse o rotloeditse banni ba Mmatshumo go dirisa mananeo a a teng a temo-thuo go tlhabolola mohama wa temo-thuo gammogo le go o dira kgwebo.
Rre Autlwetse o ntshitse thotloetso e fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Labobedi, a tlhalosa gore puso e ntshitse mananeo a temo-thuo go ntsha Batswana mo lehumeng a bo ISPAAD, LIMID le a mangwe.
A re pele motho a ikopela lenaneo o tshwanetse a itshekatsheka gore ke lefe lenaneo le a ka le kgonang, a tlhalosa gore bangwe ba tsere mananeo mme ga a sa tlhole a le teng ka lebaka la go tlhoka tlhokomelo.
Mothusa tona o tsweletse ka gore motho o tshwanetse a bo a na le kgatlhego le lorato mo lenaneong gore a tle a le tlhokomele gore le nne le maduo.
Rre Autlwetse a re bangwe Batswana ga ba tseye mananeo a puso e ba thusang ka one jaaka dilo tsa bone ba baya sengwe le sengwe mo maruding a puso.
A re maikaelelo a mananeo ke gore Batswana ba tswe mo lehumeng ka go dira temo-thuo kgwebo.
A re Batswana ga ba kake ba kgona go tlhabolola temo-thuo fa ba santse ba palelwa ke go tlhokomela temo le leruo la bone gammogo le diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso ba tsaya gore ke tiro ya puso.
O ne gape a ba kopa go emela temo-thuo ka dinao ba leme temo e e nang le dipoelo gammogo le lone leruo ba le dire kgwebo.
Rre Autlwetse a re lefatshe leno le itemogela dipalo tse di kwa godimo tsa bolwetse jwa mabele ka jalo a rotloetsa banni go aga matlwana a boitiketso fa a seo ba epe ba bo ba katele fa ba dirisa naga.
O tsweletse ka gore dikgomo tsa Batswana di motlhofo mo nameng mme a ba rotloetsa go tokafatsa bokete jwa dikgomo tsa bone gore di rekwe ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.
Mothusa tona o bile a ba lekodisa ka seemo sa matlhabelo a Francistown le Maun a a reng ga a dire dipoelo ka lebaka la dipalo tse di ko tlase tsa dikgomo tse a di amogelang mme ditshwenyegelo tsa matlhabelo tsone di le ko godimo.
O ne gape a ba rotloetsa go dirisa lekalana la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) go reka dijo le melemo ya leruo a re gape ba na le lenaneo la go tlhatlhoba mebu.
O bile a rotloetsa banana go dirisa mananeo ba dira dikgwebo tsa temo ya merogo gammogo le go rua dikgomo tsa mashi ka jaana lefatshe leno le santse le tsaya mashi le merogo ko mafatsheng a mangwe. Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumo o ne a lebogela mananeo a re a tsweletse ka go thusa morafe a bo a kopa gore lenaneo la LIMID go tsenngwe dikgomo di le tlhano le poo.
Kgosi Phetsogang o ne gape a re terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso barui ba tsenya leruo mo teng fa gongwe ba tlogela dikgoro di sa tswalwa mme leruo le tsene mo masimong selo se se baka dintwa mo balemi-baruing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 20 Oct 2016




