Breaking News

Se tshwarwa ke ntsha pedi ga se thata

19 Oct 2016

Mothusa kgosi kwa Mogapi, Kgosi Eshmael Ditsele, o kopile ba-na-le-seabe go tsenya letsogo mo go thuseng dikole ka tse di tlhokwang mo thutong.
Mothusa kgosi o buile se fa a ne a amogela mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare e bile e le mothusa tona wa go neela banana dithata, metshameko le tlhabololo ya ngwao bosheng.
Kgosi Ditsele a re lefatshe le tlhoka batho ba ba tseneng dikole ka se se ka nna motlhofo  go itirela dijo le go nna le tebelopele ya go itse se se tlhokafalang gore letatshe le tlhabologe.
E rile a ema banni ka lefoko mopalamente, Rre Kefentse Mzwinila, a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore batsadi ba thuse puso go dira ditlhabololo tse di ka ba solegelang molemo ka itsholelo ya lefatshe ka bophara e wetse tlase.
Rre Mzwinila a re itsholelo ya lefatshe la Botswana, jaaka mafatshe a mangwe, ga e sa tlhole e leta gore go dirwe ditiro tse di kileng tsa bo di dirwa go le motlhofo jaaka kago ya ditsela, dikole, go duelela baithuti kwa dikoleng le tse dingwe.
Rre Mzwinila o tlhalositse fa maphata a puso ka go farologana a le mo ditshekatshekong go bona gore ba  ka thusana jang le morafe go kgaogana ditshenyegelo le puso go kokotleletsa letlole la puso madi.
E re go ntse jalo Rre Mzwinila o ne a tlhalosetsa banni fa kokelwana ya bone e tlaa katolosiwa ka fa tlase ga lenaneo la ESP, mme a tlhalosa fa go tlaa sekasekwa go bona gore a ditiro tse dingwe di ka seka tsa nama di seegetswe kwa thoko go thusa go bona se se ka dirwang go thusa toropo ya Selebi Phikwe ka  e rile bosheng  ya welwa ke seru sa go tswalwa ga moepo wa BCL.
Mongwe wa banni ba Mogapi, Rre Mogomotsi Ntebele o ne a dumalana le mopalamente fa nako e gorogile ya gore batsadi ba thusane morwalo le puso go bona gore ba tsaya boikarabelo jwa thuto ya bana ba bone ka go ntsha bontlha bongwe ja go duelela bana ba bone dithuto,a tlhalosa fa seo se ka dira gore batsadi ba kgatlhegele go itse se bana ba bone ba se dirang kwa dikoleng.
Mokhanselara wa Mogapi, Rre Tuelo Metseyabeng o ne a rotloetsa morafe go tsena mo dikgwebong go tsosolosa itsholelo ya kgaolo ya Bobirwa.
Rre Metseyabeng a re kgaolo ya Bobirwa e na le ditsa tlholego jaaka matamo tse batho ba ka inaakanyang le tsone go lwantsha letlhoko la ditiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MOGAPI

Event : Kamogela ya mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare

Date : 19 Oct 2016