Breaking News

Dikole tse di potlana di kgothatsa baithuti

19 Oct 2016

Sekole  se sebotlana sa Moeng se na le palo potlana ya baithuti ba ba kgonang go  fenya ditlhatlhabo tsa bone ka lekgolo mo lekgolong go gaisa dikole tse dingwe tsa kgaolo ya Palapye ya (PAA) mme monongwaga se kgonne go fenya ka masome a ferabongwe le motso mo lekgolong.
Erile a bua kwa moletlong wa baithuti ba lekwalo la bosupa, mogokgo wa sekole sa Mmachibaba JSS Rre Lehuma Badubi a re o tshwenngwa ke baithuti ba lekwalo la bosupa  ba ba tswang kwa dikoleng tse dipotlana ba dirile sentle mme fela fa ba tsena kwa go tse dikgolwane maduo a bone a wela tlase, ba simolole go inaakanya le ditiro tse e seng tsone jaaka go nwa majwala le go tsena mo maratong.
Rre  Badubi re ba tshwanetse go ithuta mo diphosong tse di dirilweng ke balekane ba bone, fela jaaka Setswana se re “ O re go bona bodiba jo bo jeleng ngwana wa ga mmago o bo kakologe.”
O ne a ba rotloetsa gore ga go pale sepe gore ba ithute e re ka moso le bone e bo e le batlhami ba dikhamphani tse ditona tsa maranyane.
 Kwa sekoleng sa Molebatsi kwa Majwaneng, mookamela lekalana la Standard Chartered kwa Palapye, Rre Phillip Setiko, le ene o ne a nna le sebaka sa go kgothatsa baithuti go dira ka botswa pelo gore ba tsoge ba ikemetse ka nosi ba thusiwa ke dithutego tse ba nang le tsone.
Rre Setiko o ne a kopa batsadi go rotloetsa talente e bana ba nang le yone le go tshwaraganela thuto le barutabana, o ile a kopa bana go lesa go ithontsha tshwanelo ya bone ya go akola bonana ka go inaakanya le ditiro tsa bagolo e le bana, a re fa ba ka dira jalo ba ka busetsa serodumo sa thuto.
O ne a re lefatshe leno ke lengwe la mafatshe a a palo-potlana a a santseng a rekegela thuto le go fa Motswana mongwe le mongwe sebaka sa go ithuta, a re seo se ka rotloediwa ke boitshwaro ja baithuti le go tsaya thuto tsia.
Morago o ne a supa fa ba thusitse sekole ka P17 000, a bo a solofetsa gore ba tlaa thusa mo kagong ya ntlo ya modisa dikago kwa kokelwaneng ya motse wa Majwaneng.
Kwa motsing wa Gootau, mogokgo o ne a kopa gore ba letlelelwe go fetolela ntlo e nngwe ya borutelo go nna ya metlobo ya dibuka, a supa fa le bone ba na le letlhoko la motshine o o ntsifatsang dipapmpiri (photocopy).
O ne gape a re ba batlelwe yo o ka tsayang sekole seo go setlhokomela.
Mokwaledi wa ofisi ya ga Tautona, Rre Cater Morupisi, o ne a  abela kgwele ya dinao ya basetsana diaparo le dibolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : MOENG

Event : Moletlo wa baithuti ba lekwalo la bosupa

Date : 19 Oct 2016