Breaking News

Puso o kopa dikgosi go tlotlana

18 Oct 2016

Modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Puso o kopile maloko go tlotlana fa dipuisanyo di tsweletse.

E rile a bua le maloko a Ntlo Ya Dikgosi mono Gaborone bosheng a kopa gore dikgosi di tlotle maikutlo a ba bangwe, dikakanyo tsa bone le gore ba seka ba kgalana kgotsa ba nyenyafatsa ba bangwe. 

A re go botlhokwa go tlotlomatsa Ntlo Ya Dikgosi  ka jaana ke ntlo e e tlotlegang mo setshabeng, ga mmogo le maloko a yone.

“Re le dikgosi re tshwanetse go dibela bogosi, go seka ga lebega go na le difatlhi tse di ka fatlhang setshaba se se re tlotlang.”

Kgosi Puso a re dipuisanyo tsotlhe tsa Ntlo Ya Dikgosi di a gatisiwa, ka jalo ba tshwanetse go buisana ka mokgwa o o tlaa lebegang o le phepa mo morafeng ka jaana bogosi bo tseelwa kwa godimo.

Kgosi a re mo dipuisanong tse di fetileng o fatlhilwe ke mafoko mangwe, mme a bolela fa se se tshwanetse go khutla ka jaana a sa batle go tsamaisa ntlo ka tshokamo, kgotsa go gotlhagotlhana le maloko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : GABORONE

Event : Ntlo ya kgosi

Date : 18 Oct 2016