Khansele e tlaa atswa beng ba matlo
18 Oct 2016
Khansele ya Kgatleng e solofeditse go atswa ba ba amegileng mo go senyegeng ga matlo ka nako ya go tlhabololwa ditsela mo Mochudi.
E rile a rolela morafe pego e, moanamisa mafoko wa komiti e e emetseng morafe ya Balli Concerned Group, Rre Patrick Ditshwene a tlhalosa fa khansele e rebotse gore matlo otlhe a ba ba amegileng a sekasekiwe sesha kgwedi eno go fitlhela Sedimonthole a ya fifing mono ngwaga.
Rre Ditshwene o ne a re dikatso tsotlhe go solofeditswe fa di tlaa latela ngwaga o o tlang, mme a gwetlha ba ba amegileng go dirisanya sentle le bodiredi jo bo tlaa tsamayang bo kanoka matlo a bone.
“Go na le mokwalo o o papametseng go tswa kwa khanseleng o kwadilwe wa ba wa bewa monwana ke modulasetilo wa khansele Rre Mpho Morolong, o tlhalosa fa go tlaa sekasekiwa matlo otlhe a a senyegileng ka nako ya tlhabololo ya ditsela, mme dituelo tsa lona di tlaa latela ngwaga o o tlang,” Ditshwene a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo, Rre Ditshwene o ne a supa fa go na le bangwe ba ba ipopileng ba dira tiro e e tshwanang le ya bone mme a re seo se ka kgaoganya morafe le go busetsa kwa morago tswelelopele ya kgang ya bone e a kaileng fa e setse e tla motsubong mme a re selo seo se tshwanetse go ema.
O ne a tlhalosa fa go tswhanetse go salwa morago tsamaiso e e tlaa rarabololang kgang e, a kaya fa komiti ya Balli Concerned Group e le yone e tlhomilweng pele go sala kgang ya tshenyego ya matlo mo Mochudi morago.
Modulasetilo wa komiti eo, Rre Morgan Kgetsi o ne a gatelela fa puso e thusa batho botoka ba ba ipopileng setlhopha mme a re go botlhokwa go tshwaragana go fitlhela letsatsi la bofelo tharabololo e nna teng.
Kgetsi a re tshwetso e, e tla morago ga gore motshereganyi wa kgang ya kompone e e neng e aga ditsela le khansele a tlhalose fa e le maikarabelo a khansele gore e phimole ba ba amegileng dikeledi.
E rile a ema morafe ka lefoko Kgosi Time Pilane a leboga komiti ya Balli go bo ba tsere boikarabelo jwa go emela morafe wa bone ka dinao mo kgannyeng ya tharabolo ya tshenyego ya matlo a bone.
Time o ne a tswelela ka go gwetlha morafe go ema komiti eo nokeng a re go dira jalo go botlhokwa ka jaana e le selo se se ntle a re go ikopanaya le go dirisana mmogo go rarabolola mathata ka bofefo ka go abelanwa megopolo botoka a tlatsa ka gore ba ba leng teng ba itsise ba ba seong ka tse di builweng mo kopanong ya bone.
Fa ba tswa la bone, morafe o ne wa supa maikutlo a a farologaneng mabapi le dikatso tsa bone, ba bangwe ba ne ba kaya fa ba batla go agelwa matlo bangwe ba re ba batla madi.
Rre Kobedi Mangole ene o ne a akgola komiti a re pego e ba tsileng ka yone ya khansele ke sesupo sa gore komiti ya Balli e dira tiro sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : POTSOLOTSO
Date : 18 Oct 2016






