Breaking News

Se nneng mmogo lo sa nyalana - molaodi

18 Oct 2016

Mothusa molaodi kwa kgaolong ya Serowe Rre Onalenna Daniel o kgadile mokgwa wa bakapelo wa go nna mmogo ba sa nyalana.
Rre Daniel o ne a bua mo potsolosong le BOPA bosheng. A re batho ba tlotlile thata go nna mmogo ba tshola bana ba bo ba aga botlhe mme ba sa kwadisa manyalo ka fa molaong.
A re se, se kile sa bo se tlwaelesegile mo bagoding ba ba sa kgoneng go nyalana ka ntlha ya itsholelo mme le banana jaanong ba se dirile selo modiro.
A re dikgang tse di tshwenya thata fa mokapelo a ka tlhanogela yo mongwe kana a tlhokafala. Rre Daniel o boletse fa mo diemong tse di ntseng jalo ba tshwanelwa ke go tshereganya dikgang tsa go lwela dithoto mme ba retelelwe ke kgang ka lenyalo le ne le ise le kwadisiwe ka fa molaong.
Mothusa molaodi o tlhalositse fa dikgang tse di ba tshwenyang thata ke fa mokapelo bogolo jang wa rre a tlhanogela wa mme morago ga go aga botlhe mme go sena lenyalo le le rerilweng ka fa molaong. A re gantsi mme ke ene a latlhegelwang.
Go sa le foo, ofisi ya ga molaodi e tshwaragane le ba lenaneo la Re-A-Nyalana e ne e tshwere loeto mo metseng ya Paje, Mabeleapodi le Tshimoyapula.
Loeto lo e ne e le go rotloetsa bakapelo ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go tshwaraganngwa mo nyalong. Go ya ka mogokaganyi wa lenaneo la Re-A-Nyalana, Mme Annah Morwaagole, lenaneo le le thusa bakapelo ba ba sa bolong go nna mmogo mme ba sa tshwaraganngwa mo nyalong.
A re maitemogelo ke gore go nna mmogo fela go bakwa ke mabaka a itsholelo a akaretsa go tlhoka madi a bogadi magareng ga tse dingwe.
Mme Morwaagole o rotloeditse batsadi go letlelela bana go tsena mo nyalong le fa ba sa kgone go duela bogadi.
O gakolotse batsadi gape go sekegela tsebe tsamaiso ya Setswana ya bogologolo ya go kolotisa bogadi. A re bogadi ka tsamaiso ya molao ke tebogo mo botsading ja mosetsana mme e seng kgwebo jaaka bangwe ba a tle ba dire.
Mme Morwaagole o rotloeditse bao ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go dira tsamaiso ya lenyalo la Setswana le botsadi mme ke gone ba ikwadise mo lenaneong la Re-A-Nyalana.
O ne a tlatsa ka gore go tshwaraganngwa mo nyalong ka fa molaong go fa bobedi dithata mo dithotong tse ba di kgobokantseng mmogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Gabosekwe

Location : GABORONE

Event : potsolotso

Date : 18 Oct 2016