Morafe o amogela phetogo ya molawana
17 Oct 2016
Banni ba dikgotla tsa Borakalalo le Mokgopeetsane kwa Molepolole ba opetse legofi diphetogo tse di dirilweng mo melawaneng ya khansele go kgoreletsa go gobea ga leruo le le sa tlhokomelweng mo gare ga motse.
E rile ba tsibogela tekodiso ya bogogi jwa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau modulasetilo le mokwaledi wa gagwe borre Botokanaya Motoroko le Gofaone Kgabanyane mo diphuthegong tsa kgotla banni ba lebogela diphetogo tse di dirilweng go hema go gobea mo motseng ga leruo.
Ba re molao o tsile ka nako e e maleba go kgalema le go busetsa serodumo sa motse mo mannong.
Morafe o dumela fa thulaganyo e e diegetswe mme ba leboga gore e tlaa thusa go kgothatsa le go rotloeletsa barui go tlhomamisa tlhokomelo ya leruo la bone go hema ditlamorago tse di ka dirang gore ba felele ba lathegelwa ke leruo la bone.
E ne erile go le pele mo molaetseng wa tekodiso, mothusa mokwaledi wa MAA, Rre Gofaone Kgabanyane a tlhagisa morafe go tsaya ka thwaafalo diphetogo tsa molao wa leruo le le gobeang mo motseng, e sa re kgotsa ba iphithela ba le fa gare ga naka tsa nare.
A re dikotlhao tsa go duela leruo le le senang tlhokomelo le fula mo motseng di gagamaditswe eseng ka maikaelelo a go utlwisa ope botlhoko mme e le kgalemo kgotsa kotlhao ya go busetsa seemo mannong ka go rotloetsa tlhokomelo ya leruo.
A re thulaganyo ya molao o mosha ke gore khansele e tshegetse leruo le le tshwerweng mo gare ga motse lobaka lwa malatsi a le lesome le bone go batlisiwa mong ka thulaganyo epe ya setshaba, mme mong wa leruo le le tshwerweng a duele P1. 50 ka letsatsi kgomo nngwe le nngwe go ya ka malatsi a le tlaa bong le tshegeditswe ke khanseele pele le ka tsenngwa mo thulaganyong ya matimela morago ga malatsi a le masome mabedi le motso.
Go diragadiwa ga molawana o go ya ka Rre Kgabanyane go rurifaditswe ke tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Slumber Tsogwane morago ga tshwetso ya khansele ya Mokwena ka kgwedi ya Tlhakole monongwaga.
O tlhalosa fa tshwetso ya go tla ka diphetogo tsa molao, e gwetlhilwe ke seemo se se duleng mo taolong sa go ikgatholosa tlhokomelo ya leruo ke barui ba jaanong ba disetsang mo motseng wa Molepolole.
A re Molepolole o na le thulaganyo e e faphegileng ya go dirwa ga ditiro tsa ditlhabololo ka jalo ga gona gope fa meraka kgotsa masaka a nnang le phatlha mo gare ga motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tekodiso ya bogogi jwa khansele-potlana
Date : 17 Oct 2016






