Breaking News

Ba batla go isa kgang ya sepatela kwa bogoging

17 Oct 2016

Mopalamente wa Lerala-Maunatlala, Rre Prince Maele, o solofeditse banni ba Lerala fa a tlaa tsaya boikarabelo jwa go ba thusa go isa kgang ya sepatela kwa bogoging jwa lefatshe leno.
O ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng.
Banni ba na le ngongorego ya gore mo dingwageng tse di fetileng puso e ne ya ba solofetsa gore go tlaa agiwa sepatela mo motseng wa bone mme mo phuthegong e e neng e buisiwa ke tona wa botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato bosheng, ba ne ba itsisiwe fa kokelwana ya bone e tlaa atolosiwa go tsenngwa ditlamelo tse di tlhokafalang boemong jwa gore ba agelwe kokelo ka go sa ntse go sena madi a a ka kgonang go ba agela sepatela.
Mo phuthegong ya bone le Mme Makgato ba ne ba bolela fa katoloso ya kokelwana ya bone e sa ba kgotsofatse ka ba ne ba solofeditswe sepatela mo dingwageng tse di fetileng mme se ne se bonala mo lenaneong la ditlhabololo.
Ka jalo banni ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba batla go isa kgang ya bone kwa go Tautona.
Rre Maele, yo gape e leng Tona wa Tlhokomelo ya Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho ya Metsi a a Leswe, o ne a itsise banni fa a tlaa ba thusa go tsamaya ka ditsela tse di tshwanetseng ka kgang ya bone ya sepatela e le marara le gone go bona gore o rulaganya bokopano jwa bone le ba ba lebaganeng jang.
A re ba tshwanelwa ke go tlhopha baemedi ba ba tlaa simololang ka go kopana le tona wa lephata la botsogo le boitekanelo ba tsamaya ka ditsela tsotlhe tse di tshwanetseng go fitlhelela ba kopana le Tautona.
O ne a gakolola banni fa ba tshwanetse go rerisa makhanselara a motse wa bone fa ba dira dithulaganyo tseo.
Mo go tse dingwe, Rre Maele o ne a lekodisa banni ka melao e e fetisitsweng ke palamente e e sa tswang go feta. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Oct 2016