Kereke e aba ditilo le dikobo
17 Oct 2016
E ne ya re bosheng kereke ya Kgolagano ya Jerusalema kwa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ya abela batlhoki bangwe dikobo le kgotla ya motse ditilo.
E rile a amogela dimpho, Kgosi Edwin Ramokobetwane a supa fa kereke eo e dira se lefoko la Modimo le se rotloetsang e bile e tsepame mo letshegong la tebelopele ya setshaba ya 2016 le le rotloetsang setshaba se se lerato se na le kutlwelobotlhoko.
Kgosi Ramokobetwane o supile fa se se dirilweng ke Kgolagano ya Jerusalema e tshwanetse ya nna sekao mo dikerekeng tse dingwe, makgotlana a a ikemetseng ka nosi le morafe ka kakaretso.
A re o leboga kereke ka e ne ya bona go tshwanela go abela kgotla ditilo. A re mpho e e tsile ka nako e e maleba ka ditilo tsa kgotla di ne di tlhaela e bile bontsi di onetse. E rile a tswa la gagwe, Moruti Samuel Kedibonye go tswa kwa lekalaneng la kereke la Nkoyaphiri kwa Mogoditshane a tlhalosa fa kereke e e simologile kwa Zimbabwe mme e setse e na le makalana mo Botswana.
A re e le kereke ba diragatsa kopo ya ga Tautona ya gore setshaba se thuse ba ba se nang lesego, a re ba dirile se e se gore ba dira gope kana ba na le madi a mantsi, mme ba dira se ka lerato.
A re ba ne ba kgobokanya dithebe go tswa mo dipateng tsa bone morago ga go kuelwa mokgosi ke ba lekalana la kereke la Khudumelapye fa go na le letlhoko mo motseng, mme ba kgonne go reka ditilo tse di masome mabedi le dikobo tse di masome mabedi.Rre Kedibonye o tlhalositse fa Kgolagano ya Jerusalema e tswa kgakala e dira tiro ya mofuta o. A re ba ne ba abela kgotla ya Mogoditshane ditilo ka 2012 mme e rile ka 2013 le 2014 ba aba dikobo le ditilo kwa kgotleng ya Selaledi.
E rile a tswa la gagwe, mothusa kgosi, Rre Onthusitse Mosimane a supa fa dimpho tseo di supa boleng jwa kereke mo setshabeng. A re dikereke tse dingwe di tshwanetse go tsaya malebela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dipako Mothibi
Location : LETLHAKENG
Event : Kabo dimpho
Date : 17 Oct 2016






