Masunga o bona maduo a ESP
17 Oct 2016
Banni ba Masunga mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba lebogetse go bo maduo a lenaneo la go rudisa itsholelo a setse a bonala mo motseng wa bone.
Ba lebogile jalo mo phuthegong ya kgotla e tshwerwe ke mopalamente wa bone yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale ka Labone.
Mo tekodisong ya gagwe mabapi le ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Masunga, Mme Jane Majaule o tlhalositse fa lenaneo leo le simolodisiwa, ba ne ba sa le beye sebete, fela go a itumedisa go bona ditiro tsa lone di tsweletse sentle.Mme Majaule o ne a tlhalosa fa mo motseng wa bone, lenaneo le setse le weditse matlo a boroko jwa barutabana, fa matlwana a borutelo a a abetsweng sekole se sebotlana sa motse oo ka fa tlase ga lone, a le gaufi le go wediwa.
A re go agiwa ga dikago tseo, go tlaa thusa go fedisa bothata jo bo ntseng bo le teng jwa tlhaelo ya matlo a boroko le a borutelo, mme seo se thuse gape go tokafatsa maduo a baithuti.
Mme Majaule o ne gape a lebogela go bo motse wa Masunga o sa tlhole o le lefifi ka jaana o na le dipone tsa mo mekgwatheng, tse a boletseng fa di thusa thata go fokotsa ditiragalo tsa botlhoka tsebe mo motseng, fela a kopa gore dipone tseo di okediwe.
Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a supa fa e le banni ba Masunga, ba eletsa go bona motse wa bone o na le marekisetso a maemo a a farologaneng golo go le gongwe mo go ka bayang motse mo tebegong e e kgatlhisang.
Mme Majaule a re sebe sa phiri ke go bo lekgotla la kabo ditsha la Tati le ba abetse setsha se ba sa se kgotsofaleleng ka jaana se le sennyenyane, ka jalo se sa kgone go amogela ditlhabololo tse di akantsweng.
O ne a supa fa ba sa bolo go isa boikuelo jwa bone kwa go ba kabo ditsha mme le jaanong jaana ba ise ba thusiwe.
Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa a akgela mabapi le kgang eo, mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Martin Nzehengwa a tlhalosa fa ba ne ba ya go sekaseka kwa banni ba kopang setsha se ba se abetsweng se ka atolosetswang teng, mme ba fitlhetse e le gore bangwe ba na le ditshwanelo mo sekiding seo.Ka jalo go tshwanetse ga salwa morago ditsamaiso tse di maleba tsa go kopana le bao ba ba amegang mo tshwanelong ya setsha seo.
Mo go la gagwe, mothusa tona Butale o ne a tlhalosetsa banni ka boikarabelo jwa lephata la gagwe, gareng ga tse dingwe e le boikarabelo jwa go oka babeeletsi go tla go tlhoma madirelo mono, e le tsela nngwe ya go tlhamela bana ba Batswana mebereko.
Rre Butale a re sengwe se lephata la gagwe le se romilweng, ke dikgang tse di itebagantseng le go kabakanya itsholelo ya lefatshe leno, go na le go ikaega ka mhama o le mongwe le gone go tlhomamisa gore Batswana ba nna le seabe mo itsholelong ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 17 Oct 2016






