Breaking News

Ratoropo o akgola Majwe Mining

17 Oct 2016

Ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje, o akgoletse khamphani  ya Majwe Mining seabe sa yone mo go thuseng puso go tokafatsa maduo a dikole tsa toropo eo le Maokane.
Rre Oodira-Kwenje o ne a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a baithuti o Majwe o o rotloeditseng ka madi a feta P1 million mo dingwageng tse nne tse di fetileng.
A re e sale khamphani eo e itshwaraganya le puso ka moono oo wa kabo dimpho, maduo a dikole tse dipotlana le tse dikgolwane a tokafetse.
O boletse gore ka 2013 fa lenaneo leo le simolola, sekole se sebotlana sa Teemane se ne se fentse ka selekanyo sa masome a roba bobedi le botlhano mo lekgolong (85 per cent) mme sa oketsa ka bobedi mo ngwageng o o latelang.
A re se se neng se le kwa morago ga tsone sa Kgalagadi se ne sa tswa kwa go masome a matlhano le bosupa mo lekgolong (57 per cent) go tlolela kwa go masome a supa le boraro (73 per cent) ka 2014.
A re se ne sa boa sa tokafatsa maduo mo ngwageng o o latelang ka lesome mo lekgolong (10 per cent), selo se a reng se supa fa thuso ya Majwe Mining e solegetse dikole tsa kgaolo eo molemo.
Rre Oodira-Kwenje o boletse fa tokafalo e ya maduo e supagetse le mo dikoleng tse dikgolwane, mme a akgola  kompone eo ka seabe seo.
A re e re ntswa e le bogogi ba nna ba ngongoregela seabe sa dikompone tse di ikemetseng mo thutong, Majwe Mining e dirile go le gontsi mo go tlhabololeng thuto ya bana.
A re puso e le yosi ga e ka ke ya kgona go nonotsha bodiredi, ka jalo go botlhokwa gore dikgwebo le dikompone ka go farologana di tsenye letsogo di thuse go godisa thuto ya lefatshe leno.
Rre Oodira-Kwenje a re jaaka Majwe Mining e ithola marapo mo go thuseng dikole tseo monongwaga, ke kgwetlho mo go beng ba dikgwebo tse dingwe gore ba amogele jokwe eo ba tsweledise fa Majwe e emeng teng.
Mogolwane wa Majwe Mining Joint Venture, Rre Rod Fraser ene o ne a tlhalosa fa lenaneo la bone la go dirisanya le dikole tsa Jwaneng le Maokane e le nngwe ya tse ba ipelang ka yone jaaka konteraka ya bone le moepo wa Jwaneng e fela kgwedi e e tlang e ya fifing.
A re go botlhokwa go ipelela bontle jo tshwaragano ya bone le dikole e bo dirileng ka jaana maduo a bonala.
A re e re ntswa moletlo oo e ne e le wa bone wa bofelo go thusa dikole tseo, motlhala wa bone o tshwanetse go ipelelwa go na le go futsafala.
Mopalamente wa Jwaneng-Mabutsane, Rre Shawn Ntlhaile o ne a lebogela Majwe tiro e ntle e e ntseng e e dira mo kgaolong.
A re khamphani eo ke sekao sa gore mananeo a tshwaragano gareng ga puso le makalana a a ikemetseng ka nosi a ka atlega e bile a ntsha maduo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : moletlong wa go ipelela maduo a baithuti

Date : 17 Oct 2016